NWU Institutional Repository

Taoto ya Phetsolelo ya Mhudi ka Sol T. Plaatje mo Setswaneng jaaka mmusetsagae wa dikwalo tsa Maaforika tsa Seesimane : ka Molebo wa Botswa-bokoloniale

dc.contributor.advisorShole, J.S.S.
dc.contributor.authorPooe, E.E.
dc.contributor.researchID16071786 - Shole, Johannes Satsopa Shole (Supervisor)
dc.date.accessioned2019-11-13T14:27:16Z
dc.date.available2019-11-13T14:27:16Z
dc.date.issued2019
dc.descriptionPhD (Languages and literature), North-West University, Mafikeng Campusen_US
dc.description.abstractSetlhotlhomiswa sa patlisiso eno ke Sol T. Plaatje le padi ya gagwe Mhudi, e a e kwadileng ka Seesimane. Bothata jwa patlisiso ke gone gore padi e, le fa e kwadilwe ke Motswana e bile e bua ka ga Batswana, e kwadilwe ka Seesimane, mme e tumile lefatshe-bophara jaaka padi ya Seesimane. Mmatlisisi fano, jaaka R.M. Malope mo puisanong e e sa phasaladiwang, o ema ka la go re: "Totatota Mhudi ke padi ya Setswana, e kwadilwe ke Motswana, e bua ka ga Batswana." Semaka ke gore mokwadi wa yona Sol T. Plaatje (yo ka tshwanelo e leng Tshekisho Mogodi) o ipitsa ka leina le le utlwalang Sekgoa, e bile la Setswana le fitlhilwe ka tlhakaina "T," jaaka e kete go fitlhiwa bo-tswana jwa gagwe. Padi yona le fa e le ya Seesimane, e bidiwa ka setlhogo sa Setswana! Go diragala jalo gape ka setlhangwa sa motho yo o itsegeng e le mofufegedi wa Seaforika le bo-tswana, moitsedipuo, mofetoledi, motšhomolodi, modibedi wa dipuo tsa Seaforika, bogolobogolo Setswana! Patlisiso eno e tsaya seno e le bogole jwa go fekeediwa ke bokoloniale, mme e inaakanya le morero wa pusetso ya ditsa-Seaforika go beng ka go tsitsinya mmusetsagae wa ditlhangwa tsa Maaforika tse di mo Sekgoeng, e bong go di tlhamololela mo dipuong tsa Seaforika, ka tiriso ya se re se bitsang "Phetsolelo." Patlisiso eno e taota kgotsa e akanyetsa tiriso ya Phetsolelo jaaka phetolelo ya botsereganyi, e e thusang go kgaosetsa tsweletsopele ya bokoloniale mo botlhaming jwa Seaforika. Seno se raya gore ditlhangwa tseo di nne teng ka dipuo tsa bakwadi bano ba Maaforika, tse di golaganeng le baanelwa, maitshetlego le merero ya tsona, e bile gape e le dipuo tsa Maaforika a go buiwang ka ga bona mo ditlhangweng tse. Tsitsinyo eno e rotloeditswe ke letlhatlhelelo la ga Shole Shole "Phetsolelo: Transcreation of African literature in European/colonial languages as a Cultural Repatriation." Patlisiso le taoto di tlaa dirisa Molebo wa Botswa-bokoloniale le wa Tlharamololo, go sekaseka leina la mokwadi le la padi, diteng le puo ya padi, gammogo le bokaelo jwa sehisetori, sepolotiki le sekoloniale jo bo amanang le Sol Plaatje le Mhudi.en_US
dc.description.thesistypeDoctoralen_US
dc.identifier.urihttp://hdl.handle.net/10394/33633
dc.identifier.urihttps://orcid.org/0000-0002-2767-6225
dc.language.isootheren_US
dc.publisherNorth-West University (South Africa).en_US
dc.subjectMhudien_US
dc.subjectPlaatjeen_US
dc.subjectBokolonialeen_US
dc.subjectBotswa-bokolonialeen_US
dc.subjectPhetsoleloen_US
dc.subjectTaotoen_US
dc.subjectTlharamololoen_US
dc.titleTaoto ya Phetsolelo ya Mhudi ka Sol T. Plaatje mo Setswaneng jaaka mmusetsagae wa dikwalo tsa Maaforika tsa Seesimane : ka Molebo wa Botswa-bokolonialeen_US
dc.typeThesisen_US

Files

Original bundle

Now showing 1 - 1 of 1
Loading...
Thumbnail Image
Name:
Pooe_EE.pdf
Size:
1.96 MB
Format:
Adobe Portable Document Format
Description:

License bundle

Now showing 1 - 1 of 1
Loading...
Thumbnail Image
Name:
license.txt
Size:
1.61 KB
Format:
Item-specific license agreed upon to submission
Description:

Collections