NWU Institutional Repository

Taoto ya Phetsolelo ya Mhudi ka Sol T. Plaatje mo Setswaneng jaaka mmusetsagae wa dikwalo tsa Maaforika tsa Seesimane : ka Molebo wa Botswa-bokoloniale

Loading...
Thumbnail Image

Date

Journal Title

Journal ISSN

Volume Title

Publisher

North-West University (South Africa).

Abstract

Setlhotlhomiswa sa patlisiso eno ke Sol T. Plaatje le padi ya gagwe Mhudi, e a e kwadileng ka Seesimane. Bothata jwa patlisiso ke gone gore padi e, le fa e kwadilwe ke Motswana e bile e bua ka ga Batswana, e kwadilwe ka Seesimane, mme e tumile lefatshe-bophara jaaka padi ya Seesimane. Mmatlisisi fano, jaaka R.M. Malope mo puisanong e e sa phasaladiwang, o ema ka la go re: "Totatota Mhudi ke padi ya Setswana, e kwadilwe ke Motswana, e bua ka ga Batswana." Semaka ke gore mokwadi wa yona Sol T. Plaatje (yo ka tshwanelo e leng Tshekisho Mogodi) o ipitsa ka leina le le utlwalang Sekgoa, e bile la Setswana le fitlhilwe ka tlhakaina "T," jaaka e kete go fitlhiwa bo-tswana jwa gagwe. Padi yona le fa e le ya Seesimane, e bidiwa ka setlhogo sa Setswana! Go diragala jalo gape ka setlhangwa sa motho yo o itsegeng e le mofufegedi wa Seaforika le bo-tswana, moitsedipuo, mofetoledi, motšhomolodi, modibedi wa dipuo tsa Seaforika, bogolobogolo Setswana! Patlisiso eno e tsaya seno e le bogole jwa go fekeediwa ke bokoloniale, mme e inaakanya le morero wa pusetso ya ditsa-Seaforika go beng ka go tsitsinya mmusetsagae wa ditlhangwa tsa Maaforika tse di mo Sekgoeng, e bong go di tlhamololela mo dipuong tsa Seaforika, ka tiriso ya se re se bitsang "Phetsolelo." Patlisiso eno e taota kgotsa e akanyetsa tiriso ya Phetsolelo jaaka phetolelo ya botsereganyi, e e thusang go kgaosetsa tsweletsopele ya bokoloniale mo botlhaming jwa Seaforika. Seno se raya gore ditlhangwa tseo di nne teng ka dipuo tsa bakwadi bano ba Maaforika, tse di golaganeng le baanelwa, maitshetlego le merero ya tsona, e bile gape e le dipuo tsa Maaforika a go buiwang ka ga bona mo ditlhangweng tse. Tsitsinyo eno e rotloeditswe ke letlhatlhelelo la ga Shole Shole "Phetsolelo: Transcreation of African literature in European/colonial languages as a Cultural Repatriation." Patlisiso le taoto di tlaa dirisa Molebo wa Botswa-bokoloniale le wa Tlharamololo, go sekaseka leina la mokwadi le la padi, diteng le puo ya padi, gammogo le bokaelo jwa sehisetori, sepolotiki le sekoloniale jo bo amanang le Sol Plaatje le Mhudi.

Description

PhD (Languages and literature), North-West University, Mafikeng Campus

Citation

Collections

Endorsement

Review

Supplemented By

Referenced By