<link rel="stylesheet" href="styles.cf390c6bfbe7555f.css">
NWU Institutional Repository

Mareo a Setswana a popegopuo mo NWU: tlhaolo le tlhaloso

dc.contributor.advisorPretorius, R. S Berg, A.S
dc.contributor.authorKwaga, T.S
dc.date.accessioned2026-03-24T08:53:25Z
dc.date.issued2025
dc.descriptionDissertation, Master of Arts in Setswana, North-West University
dc.description.abstractPatlisiso eno e ikana ka go tlhaloganngwa ga mareo a thutapuo mo Setswaneng, ka setlhogo sa yona e le Mareo a Setswana a popegopuo mo NWU: tlhaolo le tlhaloso. Mo dithutong tsa thutapuo ya dipuo tsa Setho, go na le go tlhaela go le gontsi ga mareo, mme dithanodi tse di phasaladitsweng di ikaegile ka mareo a tlwaelegileng a puo ya ka metlha, e seng a thutapuo. Mo go ithuteng thutapuo go botlhokwa go tlhaloganya mareo jaaka e le motheo wa go itse puo. Mo puong ya Setswana ga go na thanodi e e phasaladitsweng, e totile mareo a thutapuo. Ka jalo, go na le go tlhaela ga ditlhaloso tsa mareo a thutapuo. Mareo mangwe a thutapuo a tshwana le fa a kaya dilo tse di farologaneng, mme se se tlhola ketsaetsego mo baithuting. Thuto e, e tlhotlheleditswe ke go lemoga fa baithuti ba Yunivesithi ya Bokone-Bophirima ba nna le bothata go tlhaloganya se se rutiwang mo thutapuong ka ntlha ya go sa tlhaloganye mareo. Dithuto tse di phasaladitsweng di lebeletse mareo, di phasaladitswe ka Seesimane. Ka jalo, Thanodi ya mareo a thutapuo ya ga Louwrens (1994) ya Sepedi e phasaladitswe go neela ditlhaloso tsa mareo a thutapuo, fela e kwadilwe ka Seesimane. Patlisiso e, e tla lebelela mareo a thutapuo a a dirisitsweng go ruta popegopuo ya Setswana mo NWU, go leka go a tsweletsa pele le ditlhaloso tsa ona, le go fokotsa ketsaetsego ka go a tlhalosa ka bongwe ka bongwe ka dikao tse di maleba. Mosola wa patlisiso e ke go tsweletsa mareo a thutapuo le ditlhaloso tsa ona gore a tlhaloganngwe ke baithuti ba Setswana ba SETM 111 - SETM 321.
dc.description.sustainableQuality Education
dc.identifier.urihttps://orcid.org/0000-0003-2790-6032
dc.identifier.urihttp://hdl.handle.net/10394/46258
dc.language.isoother
dc.publisherNorth-West University
dc.subjectSetswana
dc.subjectmareo a popegopuo ya Setswana
dc.subjectthutamedumopuo
dc.subjectdiphetogomedumo
dc.subjectpopafoko le popapolelo.
dc.titleMareo a Setswana a popegopuo mo NWU: tlhaolo le tlhaloso
dc.typeThesis

Files

Original bundle

Now showing 1 - 1 of 1
Loading...
Thumbnail Image
Name:
Kwaga TS.pdf
Size:
1.7 MB
Format:
Adobe Portable Document Format

License bundle

Now showing 1 - 1 of 1
Loading...
Thumbnail Image
Name:
license.txt
Size:
1.71 KB
Format:
Item-specific license agreed upon to submission
Description: