TSHEKATSHEKO YA KGOTLHANG MO DIKGANKHUTSHWENG TSA SETSWANA KA SESI ANGELINA SEKGOBELA E neelwa go ya ka ditlhokego tsa dikerii ya MASTER OF ARTS (SCHOOL OF EDUCATION) YA LEFAPHA LA SETSWANA La YUNIBESITHI YA BOPHUTHATSWANA Mofatlhosi : Prof J.E. Setshedi Letlha la neelo: Ferikgong 1992 i MAIKANO Ke ikana gore tlhotlhomisi eno, TSHEKATSHEKO YA KGOTLHANG MO DIKGANKHUTSHWENG TSA SETSWANA e ke e neelang Yunibesithi ya Bophuthatswana go tlhatlhobelwa dikerii ya Master of Arts (Education) ya Lefapha la Setswana, ga e ise e ke e neelwe yunibesithi epe esele go tlhatlhobelwa dikerii, e bile ke tiro e ke e itshimololetseng. Metswedi yotlhe e e nopotsweng le yona e kailwe ka botlalo. <=::~~ S.A. SEKGOBELA ;';;>~) '7 .3."7 LI~~R't'··----.1 CaH Ne.-{ H gJCfb; 3 7'7733' 5£):::. 19!3 -06- 3 0 ~Ace. No 9-~ .. b(/-__(/ _____ .........,. ~;~,. ... n oq: IIIOfii'HU'THA TN ANA . /fl i i DITEBOGO Ditebogo tsa me ke di rebolela mo bathong ba ba latelang gonne ba ntshedisitse noka e tletse mo tirong e ke neng ke mekamekane le yona. Moporofesa J.E. Setshedi, yo e leng mookamedi le mofatlhosi wa me mo tirong e. Bopelotelele le bopelontle ka dinako tsotlhe le mo mabakeng otlhe fa ke ntse ke le mo tirong eno. 0 wa o tsoga le nna ka nako tsotlhe. Mme C.N. Lekalakala le mme M. Mbonane ba ba ntataisitseng go fitlha ke wetsa tiro e. Motlanyi yo o matsetseleko, rre S. Ntaka. Rraetsho Gideon, banake Matlakala, Sewela Mbuti le Sesi. Mo godimo ga botlhe le tsotlhe ke leboga Modimo Rara yo o mpabaletseng, yo o mpelegeng ka dinako tsotlhe go fitlhela ke wetsa tiro e. i i i Lokwalo lo, ke lo akgolela go batsadi ba me rre Mbuti, Stephen le mme Sesi, Betty Maseko ba ba hulereng ke sa ba direla sepesepe. iv DITENG Kgaolo Tsebe Maikano i Ditebogo i i KGAOLO 1 1.0.0.0. Kgankhutshwe ke eng 1 1. 1. 0. 0. Popego ya kgankhutshwe -~ 14 1.2.0.0. Setlhogo sa kgankhutshwe 14 1.3.0.0. Matseno a kgankhutshwe 17 1.4.0.0. Mmele wa kgankhutshwe 20 1.5.0.0. Bokhutlo jwa kgankhutshwe 25 KGAOLO 2 2 . 0 . 0 . 0 . Kgotlhang -~- 28 2.1.0.0. Mefutu ya kgotlhang h mo go a re, " the climax of a short story calls for a high degree of drama- tic treatment. The tense, emotional moment which the climax should create is in fact more drama- tic than literary." Michael, J. (1974 : 190) Letsatsi lengwe Goitsemang a ya kwa thai;>elong ya mantsiboa. Fa a goroga go tswa kwa kerekeng a fitlhela go senyegile batsadi ba rwele dinko e kete ba nkgelwa ke sengwe. Ba ne ba galefile le go £eta yona tau tota. Rraagwe o ne a sa kgone le go bua ka ntlha ya go tenega Mokwalakhutshwe a re, "Fa a boa koo a fitlhela batsadi ba gagwe ba tenegile thata e bile ba I;>huka lefulo. Segale o ne a betilwe ke pelo e bile a palelwa ke go bua." (ts:37) E rile fa Goitsemang a sena go tsena ka mo ntlonga tlolelwa ke batho, ba mo henahena go fitlhela a bo a idibale. Fa ba sena go lemoga 332 gore o idibetse, ba ya go goga mowa kwa ntle. Fa ba ntse ba le koo, ba utlwa a re, "Rra ke kopa kolobetso, ke lopa kolobetso rra."(ts:37) Rraagwe Segale a ganana le go utlwa maswe a a a buang a tsaya molamo, a sakgala mo go maswe, ga senyega. A betsa Goitsemang ka thobane go fitlhela a ya badimong. Fa ba lemoga gore o tlhokafetse ba mo apesa ka kgetse ba tswa mo go ene. Ka letsatsi le le latelang la polao, Segale le mogatse ba rwala setopo sa ga Goitsemang go ya go se boloka mo sephiring go sa itse ope. Batho ba ne ba makala gore Goitsemang o ile kae gonne ba ne ba sa tlhole ba mmona. Ba ne ba fetsa ka gore gongwe o jetse bangwe ba losika nala. Batsadi ba gagwe ba nna sephiri ka marago ba itira ba ba sa itseng sepe. Letsatsi len~we fa ba ntse ba robetse Goitsemang a ba etela a fitlha a ema mo ditlhogong tsa bona a r e, "Ke kopa kolobetso rra lemma." ( ts : 3 8 ) Ba leka go ikhurumetsa ka dikobo mme ga se ke ga ba thusa ka sepe gonne Goitsemang ga aka a tsamaya. Bosigong joo, ga baa ka ba bo bona le go le gonnye. Go tloga motsing oo, Goitsemang a sa ba robatse a ba etela bosigo bongwe le bongwe. 333 Seno se ne sa dira gore ba tshwenyege e bile ba tlhorisege. Mokwalakhutshwe a re, "Ba ne ba tlhorega thata gore ba bo ba akanye go itsise Moruti tiragalo e."(ts:38) 13.5.0.0. THARABOLOLO 13.5.0.1. Letsatsi lengwe ba bona go le botoka gore ba ithwale go ya go itsise moruti ka ga tiragalo e, ba e dirileng, Segale a re, "Moruti Tshepe re tlile fano ka matshwenyego a magolo. Re ne re na le morwadi a bidiwa Goitsemang. Mosetsana yo, o ne a simolola go rata kereke ya lana. Moraga a re kopa gore re mo letlelele gore a kolobediwe. Mme ka gonne selo sea, se kgatlhanong le segarona ra gana. Ra simolola go mo iletsa le go tsena kereke ya lana mme ene ka boganana a tswelela a e tsena ka go dira jalo ra mo otla gore a bo a swe." (ts:38) Segale o ne a tlhalosetsa moruti dilo tsotlhe tse ba di dirileng le gore ba mo fitlhile kwa setlhoeng sa thaba ya Matlhware. 0 ne a itsise moruti gore Goitsemang ga a robala gonne bosigo bongwe le bongwe o a ba etela mme o ba bogisa ka mafoko a a reng. 334 "Batsadi ba me ke kopa kolobetso." (ts:38) 0 ne a bolelela moruti gore ga ba itse gore ba direng. Ke ka moo, a ba bonang ba tlile kwa go ena go kopa thuso. Morago ga Segale, mogatse le ena a tlhotlhorela moruti kgetsi ka go re, "Moruti kana o tla jaaka motho a tshela. Ke bona gore o kgona go tsoga kwa lebitleng. Gape o tlhaga a apere diaparo tse a neng a di apara fa a ya kerekeng. Selo se, nna tota se a nkgakgamatsa. Moruti kana ga re robale. 0 lala a re opelela, 'ke kopa kolobetso' bosigo bo le kana." (ts:38) Fa a sena go tlhagisa maikutlo a gagwe a kDpa moruti gore a ba thuse. f~ ena ka sebele a re, Seno se utlwala sentle "Moruti re thuse tlhe!"(ts:36) E rile fa ba sena go bua mafoko a, moruti a gelela dikeledi ka ntata ya kutlobotlhoko e le tota fa a gopola Goitsemang mmogo le maitseo a gagwe e bile a bona fa a bolailwe loso lwa sekeresete ke batsadi ba gagwe. 0 ne a akanya dilo tse ka ga Goitsemang a inamisitse tlhogo ya gagwe fa fatshe mme e rile fa a sena go e tsholetsa, a ba itsise gore ba dirile phoso e 335 tonatona ka go bolaya ngwana ka ntlha ya bokeresete jwa gagwe. 0 ne a ba bolelela gore Modimo o tla ba otlhaya botlhoko ka e bile ba thibeletse ngwana wa bona go'kolobetswa. Moruti one a ba itsise gore o a itse fa e le baheitene tota e bile ba gana le go sokologa. Ka le tsatsi la tshipi moruti o ne a itsise phuthego ka se se diragaletseng Goitsemang. Batho mo phuthegong ba ne ba lela thata ka ba itse gore Goitsemang e ne e le ngwana, yo o ntseng jang. Moraga go kitsiso e, moruti o ne a re, "Sontaga se se latelang kereke e tla ya go tshwarelwa kwa phupung ya ga Goitsemang. Kwa teng go tla tshwarwa tirelo ya kolobetso, tlhomamiso, selalelo le phitlho. Phuthego yotlhe ya itumelela kakanyo."(ts:39) 0 ne a tswelela pele ka go re, " o ne a kopa phuthego gore e ntshe madi gore ba tle ba age phupu ka maje a a betlilweng gore e tle e nne segopotso sa bokeresete jo. bo tlhomameng go bakeresete botlhe."(ts:39) Phuthego e ne ya amogela tsotlhe tse moruti o 336 neng a ba itsise tsona mmogo le tsa go aga letlapa la go Goitsemang. Ka Sontaga e e neng e beilwe, phuthego ya namela thaba ba eteletswe pele ke batsadi ba ga Goitsemang. Bakeresete ba ne ba le pelo nngwe le mowa o le mongwe e bile ba amegile thata mo moweng, ke se se diragaletseng Goitsemang. Le fa go ne go le bokete go namela thaba mme ba itshoka ka ntlha ya kutlobotlhoko. Ba rile go goroga kwa phupung ya ga Goitsemang bakeresete ba nna go dikologa phupu eo. Moruti a dira ditirelo tsotlhe tse a neng a di kaile ka matsetseleko a a neng a makatsa. Moruti o ne a dira tiro ya kolobetso ka mokgwa o o kgatlhisang bakeresete botlhe. Mokwalakhutshwe a re, " o ne a rothetsa metsi mo phupung. Fa a dira tirelo ya tlhomamiso le kamogelo mo kerekeng o ne a tsaya mmu wa phupu gore a tle a o gase mo lebitleng la kereke. Fa a dira tirelo ya selalelo, senkgwe se ne sa tsholelwa mo mmung wa phupu mme beine yona ya tshelwa mo go yona."(ts:39) Morago ga ditirelo tse dingwe moruti o ne a dira tirelo ya phitlho jaaka e tshwanetge mokeresete. Fa tirelo e, ya phitlho e fela, batho ba utlwa mongwe a opela sefela e bong "Gaufi le morena," a le mo lefaufaung. Mokwalakhutshwe a re, "Fa ba tsholetsa matlho ka kgakga- malo ba bona Goitsemang a pagame 337 leru le lesweu, le ene a apere bosweu a potilwe ke baengele ba basweu ba babedi ka fa le ka fa." (ts:40) Fa ba ntse ba maketse ba ntshitse matlho dinameng, Moruti a tlhabeletsa sefela, phuthego ya opela mmogo le Goitsemang. Fa ba wetsa sefela se, mongwe o ne a re, "Ruri ngwana yo, e ne e le modumedi wa boamaruri."(ts:40) Moruti o ne a re, "Phuthego e e rategang gompie- no ga ke solofele gore go teng mongwe mo go lona yo o sa ntse- ng a gopola gore Bokeresete ke maithamako fela. Lo bone ka matlho a lona a nama se tumelo ya nnete e ka se direlang Mokeresete." (ts:40) 0 ne a wetsa ka go re, "Goitsemang ka tumelo o tla bona sefatlhego se se galalelang sa Mogolodi le Mopholosi ... ka tume- lo o tsene legaeng le le boitshepo. Dirang jalo le lona, Jesu o letile. (ts:40) Phuthego ya boela kwa gae, e itumetse mo go maswe 338 e bile ba le mo maikaelelong a go ntsha madi gore go rekwe letlapa la gore phupu ya ga Goitsemang e nne ya nna segopotso. Go tloga ka letsatsi leo, Goitsemang a se tlhole a etela batsadi ba gagwe bosigo. Fa matsatsi a mararo a sena go feta, batsadi ba gagwe ba lemoga gore ke nnete ga a tlhole a tla ba e tela o robetse. Ba bona go le matshwanedi gore ba ye go leboga Moruti. Moruti o ne a amogela ditebogo tsa bona ka go bona fa ba itumeletse thuso ya gagwe. A leka go ba sokolola. 13.6.0.0. BOKHUTLO 13.6.0.1. Moruti o ne a leka go soko1ola batsadi ba ga Goitsemang mme ba gana nnang ya banyana. o ne a re, "Moruti, rona tota ga re dumele mantlwane ao a lana. A robaditse Goitsemang gonne ene o ne a dumela mo go ana. Rona re gwaletse dipelo re ka se tlosiwe mo botshelong jwa borraaronamogolo."(ts:41) Segale Moruti o ne a utlwa botlhoko tota fa a utlwa mafoko a ga Segale. E rile fa ba sena go tsamaya a khunama a ba rapelela. Phuthego e ne ya ntsha madi mme ga dirwa letlapa la segopotso mo phupung ya ga Goitsemang. Ga tlhomiwa sefaapano sa Morena Jesu. Go ne ga tshwarelwa moletlo wa segopotso mo phupung eo, ngwaga le ngwaga. Seno se ne sa dira gore batho ba le bantsi mo motseng 339 wa Lopipi ba sokologe mme fela batsadi ba ga Goitsemang bona ba gana go sokologa. Morago ga dingwaga di se kae, Segale a tlhaselwa ke bolwetse. A tsena ka fa le ka fa go batla thuso mo dingakeng tsa setso mme bolwetse ba sala bo ntse bo ingaparetse ka ena. A itlhoboga a bona go le botoka go kopa badimo baabo go mo tsaya mme ga pala. Mosadi wa gagwe o ne a setse a lapisitswe ke go oka motho yo o neng a sa fole e bile a fedile. Mokwalakhutshwe a re, "Sekanyana le ene o ne a setse a babaletswe ke go oka marapo a a apesitsweng ka letlalo fela." (ts:41) Letsatsi lengwe Segale a raga thokolo mme a se ke a bona tsela e e tsenang ka kgoro ya legodimo. 0 ne a tsamaya ka dit~ela tsa badumedi mme eha a sa itse sepe ka ga bodumedi. Fa a ntse a le mo l~etong lwa gagwe a bona kgoro e tswaletswe mme a ema mo go yona. Fa setswalo sa yona se bulega a bona motse o mantle tota. Go le batho ka mo go ona ba opela difela, fa a sa ntse a akabetse jalo a bona morwadie e bong Goitsemang mme a mmolelela gore a mo kopele gore le ena a tle go nna le bona. Goitsemang o ne a re, "Fa o sena letshwao la kolobetso, o ka se fete foo. Boela moraga mme o fete o kope kolobetso, o bo o ipobole dibe, o bo o ikotlhaele tsona."(ts:42) 340 Segale o ne a boela kwa moraga a utlwile botlhoko thata. Fa a ntse a tsamaya a bona tsela e kgolokgolo e e neng e tletse menate ya lefatshe. 0 ne a itumela ka a ne a gopotse gore ke yona tsela e e mo isang kwa legodimong. E rile fa a fitlha kwa kgorong nngwe a konyakanya mo lebating mme la bulega ka boiketlo. Fa a latlhela bofofu a bona lefifi la mmantshwarele ngwana. A bona banna ba babedi ba dinatla ba tshotse diforoko tse di dirilweng ka tshipi di le tse dikhibidu. Segale a botsa gore ke fa kae, mme mongwe wa banna ba babedi a re, "Ke badiradibe. Ke ba ba itato- tseng Jesu Keresete le kereke ya gagwe. Jaanong wena o tshwanetse go tsena mo mme wa bona kotlhao e e botlhoko ka bosakhutleng." (ts:42-43) Segale fa a sa ntse a latlhetse bofofu mo kgabong eo, ya molelo, a bona batho mo molelong oo. Seno sa dira gore a tlhanole direthe a boele kwa moraga. Batlhokomedi ba kgoro e rile fa ba sena go bona manna a le mo kana a tshaba, ba a swa ka ditshego. Moraga ga go bona pono e, Segale a tsoga mo baswing, a bona batho ba maketse le ena a makala mme a kopa metsi a go nwa moraga a kopa mosadi wa gagwe go ya go mmiletsa Moruti Tshepe. 0 ne a re, 341 "0 mo reye o re ke kopa kolobetso a itlhaganele ka pele."(ts:43) Moruti o ne a akabetse go utlwa mafoko a, ka mogatse gonne o ne a utlwile gore o bakwa le badimo. Moruti a phutha ditsagagwe a sala Sekanyana moraga. Segale o ne a tlhalosetsa moruti dilo tsotlhe tse a di boneng mo losong lwa gagwe, a mo itsise le mafoko a ga morwadie. Moruti o ne a mo amogela mo kerekeng a mo kolobetsa a mo neela le selalelo. 0 ne a mo utlwela botlhoko tota. Moraga ga gore a mo fe selalelo a raga laka. 13.7.0.0. KONOTELO 13.7.0.1. Kgotlhang ya kgankhutshwe eno, e a kgodisa gonne re kgona go bona baanelwa ba dira ditiro, ditiragalo di ba diragalela e bile re kgona le go bona ngangisano magareng go Goitsemang le batsadi ba gagwe. Kgang ya mokwalakhutshwe e tota e le popota, baanelwa ba a ngangisana. Ditlhopha tse pedi tse di ngangisanang di lekana ka mmaatla. Ka jalo ga re itse gore go tlile go fenya se sefe mo gare ga tsona. Mokwalakhutshwe o re neela baanelwa ba dira ditiro. Ga a re tlhalosetse gore yo o siame kana o bosula. 0 re tlogelela bona go dira ditiro, go buisana le go ngangisana. Mokwalakhutshwe ga a re nyatse, o batla gore rona re kgone go bona baanelwa ba gagwe kana dimelo tsa bona, ka ntlha ya ditiro tsa bona. Hadfield a re, 342 " characters reveal themselves more clearly (1982:11) "Hadfield, J. Baanelwa ba itlhagisa kana ba itshenola ka ditiro tsa bona. Tlhagiso ya baanelwa mo kgankhutshweng eno e jesa di welang gonne re kgona go itse gore Segale, Sakanyana, Goitsemang le Moruti Tshepe ke baanelwa ba ba ntseng jang. Ntsanwisi a re, "Characters must speak naturally. We do not want to be told about them, we want to listen to them talk and make our opinion about them. Ntsanwisi, H.W.E. (1963:5) Ga re sa utlwe ba bua, mme re anelwa ka ga bona, ga re kgone go nagana sentle ka ga bona kana go tsaya tshwetso e e rileng mabapi le bona. Jafta D.N. o latlhela la gagwe fa a re, "Characters . . . are known by what they say and also by what they do, Jafta, D.N. (1978:106) " Kwa ntle le baanelwa kgankhutshwe e ka phutlhama. Baanelwa ke batho ba maitlhomo a mokwa1akhutshwe, ditiragalo di maitlhomo ke bona ntswa di diragalela bona. Mo kgankhutshweng eno, Letshwao la kolobetso, mokwalakhutshwe o re naya Goitsemang, moruti Tshepe, Segale le Sakanyana e le baanelwa ba ba re neelang setshwantsho sa botshe1o, e le bathe ba madi le nama. Re bona batsadi ba ga Goitsemang ba fetoga, kwa 343 bokhutlong e nna bakeresete le bona, ba tshwana le batho ba bangwe. Re akgola mokwalakhutshwe ka ntlha ya go re tlhagisetsa baanelwa ba ba dumelesegang, ba ba bopegileng ka mekgwa, dipopego le ditiro tse di kgonegang mo botshelong. Fa nkabo a sa re tlhagisetsa baanelwa ba nnete, dlkgang le ditiragalo tse di ba diragalelang re ne re tla palelwa ke go di dumela kgotsa re ka se di tseye tsia. Re ithuta gore sekeresete, fa o dumela mo go sana, ka tumelo e e tibileng se na le boitumelo jo bo sa feleng. Mokwalakhutshwe o sentse ka go dirisa pheteletso bogolo setona mo losong lwa ga Segale le mo ditiragalong tse di diragaletseng Goitsemang. Segale o a swa mme moraga o rula mo baswing gore a tle a amogele 'Morena Jesu' mme fa a sena go mo amogela o swela ruri. Mo phupung ya ga Goitsemang bakeresete ba mmona a opela a le mo lefaufaung a dikanyeditswe ke baengele. Dintlha tse ga di dumelesege e bile di kgotlhela poloto ya mokwalakhutshwe gonne ga go kgonege gore motho a swe a tsoge mme fa a sena go amogela 'Morena Jesu,' a tlhokafalele ruri. Ditiragalo tse di diragetseng kwa phupung ya ga Goitsemang ga di dumelesege e kete mokwalakhutshwe o ne a re tlhagisetsa noolwane. Mokwalakhutshwe o dira jaana ka a batla go gate- lela botlhokwa jwa sekeresete, gore fa motho a na le tumelo e e tseneletseng o tla tsena ka kgoro ya legodimo fa a sena go tlogela lefatshe le. 344 Mokwalakhutshwe o kgotlhela bontle jo a bo dirileng kwa tshimologang ka go re tlhagisetsa baanelwa ba ba tshelang, o dira gore re simolole go belaela baanelwa ba gagwe e bile re nne le kakanyo ya gore tiragalo e a buang ka yona ga se ya nnete. Kgotlhang e tlhagelela sentle le fa go na le dibelebejane fa le fale mo polotong ya gagwe. Mokwalakhutshwe o dirile mo go tlalang diatla gore tlhagisetsa kgotlhang mo kgankhutshweng ya gagwe. 14.0.0.0. TSHEKATSHEKO MO GO MPOLELELE DILO:MAGOLENG B.D. LE NTSIME J.M. 14.0.0.1. KGANKHUTSHWE: MOIPOLAI 14.1.0.0. KGOTLHANG 14.1.0.1. Kgotlhang e mo magareng ga Mofori le morafe wa Ntswanalemetsing. E tlholwa ke Mofori ka g? se neele morafe madi a ona. Morafe o ne wa neela Mofori gore a ba tshware1e, madi, a ne a duelwa ke manna mongwe le mongwe mo motseng o. Maikaelelo a bona ke go phutha madi a, e ne e le go thusa yo o ka t1hagelwang ke loso gore a tle a kgone go bolokwa. E rile fa loso lwa ntlha lo tlhaga Mofori fa a tshwanetse go ba neela madi, a tsena ka fa, a tswa fale. Sena sa tlhola kgot1hang. 14.2.0.0. TSHIMOLOGO 345 14.2.0.1. Mofori e ne 1e manna yo o neng a itsege thata mo motseng wa Ntswana1emetsing. 0 ne a humi1e le dinala e bile lefoko la gagwe le agelwa mosako kana le sekegelwa tsebe go gaisa la kgosi ka sebele. Seno se ne se tlhagisiwa ke beng ba dikgang fa ba re. "Lefoko 1a gagwe mo kgotleng ya kgosi le morafe, le ne le agelwa mosako go gaisa le la yona kgosi ka setotwana."(ts:1) Ba bangwe ba ne ba re, " o ne a le molotlhanyi, a le tshitshiri, motho o e aparelang le dikhai, e re lo ile le magang, e nne ego tsunetse ... "(ts:1) Manna yo wa mohumi o ne a agile ntlo ya mabonomantle. a na le badiredi, a direlwa sengwe le sengwe. Sebe sa phiri ke gore one a se na mosadi. Mokwalakhutshwe o latlhela tlhware legonyane fa a re, "O ne a thapile badiredi ba le batlhano, a sa itse gore fa go ntse go twe mosadi, hee, o iteile a re foonono, go a bo go tewa dilomamang, a iphelela a le kgwatlha, maoto a a huna selesogo." ( ts ~ 1) 0 ne Tsala ya gagwe ya go ntshana seinong e ne e le Khupe mme le ena e ne e le mohumi fela a bowa ka 346 kwano go Mofori. Batho ba Ntswanalemetsing bane ba utlwana gore ba phuthe madi a gore ba tle ba kgone go thusana mo polokong ya baswi ba bona. Ba ne ba utlwana gore fa yo mongwe wa bona a tlhokofaletswe ke wa losika ba ntshe madi ao, go mo thusa mo polokong. Seno se pikitlelwa ke mafoko a a reng, "Batho ba Ntswanalemetsing ba ne ba rerile go phutha madi, go boloka baswi ba bone, jaaka re tlhola re bona go dirwa. Maikae- lelo e ne e le gore, fa o tlhoka- falelwa ke mokete wa gaeno, ba go thuse ka madi a a rileng, go mmo- loka." (ts:l-2) Seno se ne sa dira gore go ntshiwe diranta tse tlhano ngwaga mongwe le mongwe ke manna mongwe le mongwe mo motseng. Ka jalo Mofori a tlhophiwa go tshwara madi ao. E rile fela fa motho wa ntlha a raga kika, madi a batlega Mofori a tshwara fale a kgaola, a tlogela a tsena ka fa a tswa. Mokwalakhutshwe a re, a bolela jaaka a rile ke pota kafa ke tswa ka fa madi a nna a re, "0 ne o mpeile kae!"(ts:2) Morafe o ne wa leka ka natla gore Mofori a tlise madi ao, mme ga se thuse sepe. Kgosana ya tshwara tau ka mangana e loga maano a go dira gore Mofori a tlise madi mme ya itaya se fololetse. Banna bangwe ba motse, ba ne ba 347 ganana le seo Mofori a se dirileng. Ka jalo ba simolola go ithera kwa thoko. 14.3.0.0. THATAFALO 14.3.0.1. Ditiraga1o di a thatafa1a gonne go banna ba ba eteletsweng pele ke Kgakatsi mabapi le go bona madi ao. Kgakatsi ena o ne a ikaeletse go bolaya Mofori le fa a ka tlisa madi ao. Mokwalakhutshwe a re, "Kgakatsi o ne a ikanne~ ka rraagwe a le mo phupung gore le fa Mofori a ka ntsha madi a morafe, a o a utswitseng ene Kgakatsi, o tsile go mo lobela dintsi."(ts:2) Ka ntata ya fa go se na sephiri mo lefatsheng, Mafoko a ga Kgakatsi a ne a goroga mo ditsebeng tsa ga Mofori. E rile Mofori a utlwa dikgang tseo, a loga maano a go tshabela kwa morake~g wa gagwe o, o neng o sa itsiwe ke ope ntle le tsala ya gagwe e bong Khupe. 0 ne a lorna Khupe tsebe gore o tshabela kae. Maikaelelo a ga Hofori e ne e le go nna kwa merakeng sebaka se seleele gore morafe o tle o lebale molato oo. Mokwalakhutshwe o gatelela seno fa a re, " Mofori o ne a ikaeletse go ya go nna teng, go leka go leba- tsa morafe kutlobotlhoko eo a o tsentseng mo go yone. Kwa mora- keng o ne a tla nna le sebaka sa go ka isa tlhogo mo moriting" (ts:2) 348 Moraka wa gagwe o a neng a tshabetse kwa go ona, o ne o le kwa Nkogolwe. Kwa morakeng o, o ne a nna le Rametsi, Kolomane, Dire, Gaobue le Kgosiemang. Batho botlhe ba, e ne e le badiredi ba gagwe e bile ba ne ba robala mmogo mo mokgorong o le mongwe. Ditiragalo di a tlhatlhoga moraga ga dikgwedi tse pedi Mofori a le kwa morakeng, letsatsi lengwe fa ba tsoga ba fitlhela setopo sa gagwe. 14.4.0.0. SETLHOA 14.4.0.1. E ne e le motshegare mo morakeng wa ga Mofori banna ba bangwe ba ile kwa ditirong tsa bona jaaka tlwaelo. Kgosiemang o ne a ise a ye kwa tirong ya gagwe. 0 ne a ile kwa nokeng, go tlhapa mofufutso wa letsatsi leo. Kgakatsi o ne a goroga a le mo ntweng. A tshotse selepe le thobane. Mofori o rile go bona Kgakatsi a tlhometse jaana a bona go le botoka go tshabela kwa mokgorong wa gagwe gore a tle a kgone go bona se a ka iphemelang ka sona. Mofori o ne a tlhaga a tshotse lerumo le ena. Seno se ne sa dira gore Kgakatsi a katakatele kwa moraga mme e rile a sa ntse a boela kwa moraga, a kgojwa a wa Mofori o latlhela jaana, "E rile Kgakatsi a bona lerumo a katakata, a kgotswa a wa ka sammenogana."(ts:5) Fa a sena go wela fa fatshe Mofori a bona tshono ya go mo 349 tlhaba ka lerumo la gagwe mo mohubong mme a raga kika. Mokwalakhutshwe a re, "Mofori o ne a lelemetsa lerumo mo mohubung, a ba a sala a ntse a le tshikhinya."(ts:5) Fa Mofori a sena go bolaya Kgakatsi a gopola gore a ka se tle go dira tiro e e maswe jaana ntle le go itsise mogatse e bong Moipone. E rile fa Kgosiemang a boa kwa nokeng, a fitlhela Mofori, yo a neng a mo supetsa setopo sa ga kgakatsi e bile a mmolelela gore a se rothise mmutla madi gonne o ne a santse a batla go ya go ruta Moipone mafokonyana. 14.4.0.2. Bosigogare Mofori le Kgosiemang ba ya go tsaya setopo sa ga Kgakatsi kwa ba neng ba se fitlhileng kwa teng. Ba se apola diaparo tsa sona mme ba se apesa tsa ga Mofori mmogo mme Mofori ena a apara diaparo tsa ga Kgakatsi. Setopo ba se isa kwa mokgorong se ntse se apere jalo. Ba se robatsa ka mpa sefatlhego sa sona se lebile kwa tlase. Moraga ba se rwesa kuane ya ga Mofori. Mofori ena a ya go ikopanya le mogatse Kgakats i. Go thata bagaetsho mo mesong fa banna ba tsoga ba £itlhela setopo sa ga Mofori ka mo mokgorong wa bona se apere diaparo e bile se rwele le kuane. Banna ba tlhakatlhakana ba sa itse gore go diragalang. Bogolo jang ka setopo sa ga Mofori se ne se apere diaparo. Potso ya nna, a Mofori o ne a sa apola fa a robala7 Potso ya tlhoka 350 karabo gonne go ne go se yo o neng a mo ela tlhoko fa go robalwa. Tota diaparo tse a neng a di apere di ne di ba makatsa e le tota. Kana bogologolo go ne go sa robalwe ka diaparo, fa go isiwa marapo go beng. Seno se tlhagelela fa mokwalakhutshwe a re, "Kana maloba motho o ne a robala fela e le segwere."(ts:3) Se banna ba, ba se itseng sentle ke gore mo mesong fa ba bona setopo sa gagwe se ne se apere diaparo tse a neng a tlhotse ka tsona motshegare. E rile fa Mofori a sena go apesa setopo se, diaparo, A leba kwa ga Kgakatsi bona bosigong joo, fa a fitlha a konyakonya mo lebating. Mosadi wa ga Kgakatsi a tshuba lebone, moraga a bula setswalo mme a boela kwa dikobong tsa gagwe. Ntlha eno e gatelelwa ke mafoko a a reng, "a fitlha a kokota teng. Lebone lwa tshungwa, lobati lwa bulwa, mmudi wa lana a boela moraga, go ya go robala kwa o neng a tsoga teng."(ts:5) Moipone mogatsa Kgakatsi o ne a botsa Mofori yo o neng a ithaya a re, ke Kgakatsi a re, " ga e a ka ya re fa letsatsi le rapalala, a sena go hulara, a gaodisa Mofori."(ts:5) E rile fa Mofori a araba, Moipone a lemoga ka 351 bonako gore motho yo o buang nae ga se Kgakatsi. Seno se netefatswa ke mafoko a, "Moipone a utlwa fela ka lentswe la sebui, gore yena ga se Kgakatsi wa gagwe. Pono ya matlho e ne ya d'umela kutlo ya ditsebe ... "(ts:6) Fa a simolola go leba mmui sentle a fitlhela e le nnete, motho yo o neng a bua nae, e ne e se Kgakatsi. Kwa morakeng banna fa ba sena go bona setopo sa go Mofori, ba romela Rametsi go ya go itsise kgosi ka se se diragetseng kwa morakeng. Ba romile ena ka ntlha ya fa ba ne ba tshaba kgosi e bile ba itse gore kgosi ke mokgwenyana wa ga Rametsi, ka a nyetse leitsibolo la gagwe e bong Pidipidi. Bane ba itse gore aka se sakgale thata fa dikgang di goroga ka Rametsi. Fa Rametsi a tsena ka fa ga Mathubadifa la e bong kgosi, a ganana le go bona Mofori, mme a mo tlogetse a tlhokofetse. A taboga a ba a batla go kgaoga leota. E rile fa a fitlha kwa ga gagwe a idibala, ka ntlha ya letshogo. 0 ne a tshogile mo go maswe, a nagana gore a o bone sepoko sa gagwe gonne a mo tlogetse a rapaletse ka mo mokgorong wa bona wa go robala. Kgosi ya motse e bong Mathubadifala le banna ba bangwe ba motse ba leba kwa morakeng mme fa ba goroga ba lemoga gore motho yo o ileng ga maotwana hunyela ga se Mofori ke Kgakatsi. Badiredi ba ga Mofori ba simolola go lemoga gore ba ne ba sa leta setopo sa ga Mofori yo e leng 352 mong wa bona mme ba letile saga Kgakatsi. Kgakatsi o ne a batlelwa lefelo teng rna morakeng a bolokiwa gonne motho fa a swetse kwa nageng o bolokelwa kwa teng go ya ka setso sa bona. Mokwalakhutshwe o latlhela la gagwe ka go re, "Mo matsatsing a re buang ka ana a, motho o ne a re go swela nageng, a bolokelwe teng koo nageng. Kgakatsi o ne a bonelwa sekhu sengwe fela, ogaufi le moraka wa ga Mofori, a bolokwa."(ts:4) Tota le mogatsa Kgakatsi o ne a sa bolelelwa kana a sa itsesiwa ka go loso lwa ga mogatse le mororo a ne a tshwaregile e le tota. Mokwalakhutshwe o gatelela seno ka go re, "Kwa motseng, mogatsa Kgakatsi, Moipone, o' ne a ise a longwe tsebe ka loso lwa ga mogatse. Le fa go ntse jalo, e ne e le molwetse yo a boswang ka dikgole."(ts:4) 14.5.0.0. THARABOLOLO 14.5.0.1. Go boeng ga kgosi Mathubadifala kwa motseng wa gagwe, o ne a epa pitso. Mofori o ne a tlisiwe a bofilwe ka dikgole a se na bolebego ka ntlha ya go eteiwa. Mokwalakhutshwe a re, " a biletsa Mofori fa pe1e ga gagwe. 0 ne a bofeletswe mabogo 353 ka kwa morago ka dikgole, sefatlhego sa gagwe se rurugile, e kete sa ntswa go twe e rile basimane ba sena go mo tapita ka melamu, ba re ba a e bolaya, ya tsoga e bonwa, e tsile gae." ( ts: 4) Mokwalakhutshwe o tswelela pele gape ka go re, Kgosi a neng "O ne a sa itewa tse pila, go se monate go mo leba, matlho a le mahibidu ke madi, a bonala bofitlhanyana, melomo e phomegile, e pheame, e lepeletse, e bile e ntse e rothisa tete."(ts:4) e ne ya laela gore a bofololwe dikgole a bofilwe ka tsona. Morago a neelwa tse nako ya gore a bolele se a se dirileng ka ga Kgakatsi mmogo le mosadi wa gagwe Moipone. A tlhalosa jaaka ke setse ke tlhalositse mo setlhoeng e bile a bolela gore o ne a boleletse Kgosiemang gore a se ke a bolelela ope ka ya tiragalo eo. Morago ga puo ya ga Mofori, Kgakatsi o ne a letlwa go latlhela la gagwe kana go ganetsa mafoko a ga Mofori. Kgakatsi one a bua gore Mofori o ba tlhotlhoretse kgetsi le gore ena o ne a sena se a ka se dirang ka e bile e le motlhanka wa ga Mofori. 0 ne are, "O ne a lailwe ke motho wa segolwane, 354 go phura ntsi-motho a tshwana le manna a le kana ka Mofori."(ts:6) Kgosi e ne ya bontsha Kgosiemang diphoso tsa gagwe. 0 mmontsha jaaka Rametsi a tletse dintho le mogatsa Kgakatsi jaaka a bolelwa le badimo. 0 ne a leka go mo supetsa gore go bua nnete ga gagwe go ka bo gongwe go thusitse bathe ba babedi ba ba gobetseng ka ntlha ya ga Mofori. Kgosi e ne ya leka go gatelela go tlhoka nnete ga gagwe le gore o ne a robala le setopo mme rna mosong a tsoga a ikgakgamaditse gore moswi o bolailwe ke mang le gore moswi ke Mofori ntswa ena ka mo pelong ya gagwe a itse sentle gore moswi ke Kga- katsi. A ba a tlhola le banna ba bangwe motshe- gare otlhe ba itima dijo ntswa a itse boammaruri. 0 ne a bontshwa le gore o ne a didimala le fa a ntse a bona Mofori a fetsa bathe. 14.6.0.0. BOKHUTLO 14.6.0.1. Moraga ga go supetswa diphoso tse, banna ba motse ba ne ba tsaya Mofori go ya go mmolaya mmogo le ena Kgosiemang. Kgosiemang o ne a bolawa ka ntlha ya go tlhoka nnete le go tshaba go bua nnete le mororo a ntse a bona gore Mofori o fetsa bathe. Mokwalakhutshwe a re, "Banna ba ne ba tshwara Mofori, ba mo gogagogela kwa ntle ga motse, mme Kgosiemang a tsaya tsela ya boipolai, nae."(ts:6) 14.7.0.0. KONOTELO 355 14.7.0.1. Kgotlhang ya kgankhutshwe eno, ga e tswele nyanyeng sentle. Fa, re solofetse go bona morafe 1e kgosi Mathubadifala ba ragaraga ba batla madi a setshaba. Mokwalakhutshwe o ba timile maatla a go lwela ditsabona. Tota go a makatsa gore mo gare ga morafe o o kanakana go gakale Kgakatsi a le nosi, banna ba bangwe bona ba reng, ka madi a a jelweng ke Mofori? Ntlheng ba sa erne Kgakatsi nokeng? Kana Kgakatsi o ne a gakala jaana ka ntlha ya gore o ne a na le sekgopi le Mofori kana ba lwela tsa bona kwa thoko mme a kgona go tsena ka lebaka la go tseelwa madi a setshaba. Ntlheng Mokwalakhutshwe a sa re lome tsebe ka gore itsise go re Kgakatsi le Mofori ba 1welang? Mogatsa moswi e bong Moipone o a lwala moo, a pakiwang le badimo. Ntlheng mokwalakhutshwe a re konkonyetsa ka dikgang. 0 re tlogela re atlhamisitse melomo ka ntata ya fa re sa itse gore bolwetse jwa ga Moipone bo tlhotswe ke eng kana Mofori o dirile Moipone eng se se kanakana mo e leng gore a ka kgaoga mowa nako nngwe le nngwe. Re ipotsa dipotso di le mafaratlhatlha mme ga re kgone go di araba. Mofori o kaiwa e le mohumi e bile a humile le dinala. Sebe sa phiri ke gore, ke eng a jela setshaba madi ntswa a na le khumo ya gagwe? Ke eng gape se se mo dirang gore a se ke a duela setshaba kana molato o a o dirileng. Mofori o ne a se na mosadi kana bana ba ne re ka re gongwe o belaela gore fa a ka duela molato bana le mosadi wa gagwe ba ka tla ba tlhoka madi fa ena a ka ya badimong ka pele. 356 Moanelwa Kgosiemang ga a kgodise gonne ditiro tsa gagwe ga di dumalane kana go nyalelana le maemo kana dingwaga tsa gagwe. Ntlheng a dumela tiro e, e maswe e dirwa ke Mofori ntle le go mo gakolola. Ga go nnete e e fetang e, e e buiwang ke R.F. Dietrich le H. Rinehart fa ba re, "We ... are concerned with what people do and what happens to people (plot) and what their actions and experiences means." Dietrich. (1974:75) BoDietrich ba pua kgantsu gape ba re, "Characters do not exist in a void, of course, nor are they static entities. They have their being in a certain context of action ... "Dietrich, (1974:115) Moanelwa wa mokwa1akhutshwe o tshwanetse e nne motho wa madi le nama e se nne moanelwa wa maitirelo gonne fa e le wa maitirelo babuise ga ba kitla ba dumela mo dilong tse a di dirang. Kgosiemang o dira sengwe le sengwe se Mofori a reng a se dire ntle le go botsa potso lc fa se sa siama o a se dira. Ga a na ditshikare le fa a robaditswe le setopo o sa ntse a didimala. Tota ga a jese di we1ang. Mabapi le seno Michael Joseph mo go How to Write a short story a re, 357 "If the characters in a short story are not convincing the reader may not believe in the story, and as soon as the illusion of reality is shattered, the story fails completely." Michael, J. (1974:39) 15.0.0.0. TSHEKATSHEKO MO GO MPOLELELE DILO:A MAGOLENG B.D. LE NTSIME J.M. 15.0.0.1. KGANKHUTSHWE: KE TLA MMAAKANYA 15.1.0.0. KGOTLHANG 15.1.0.1. E mo magareng ga Eweditswe le Moipolai. E tlholwa ke fa Moipolai a ganne gore morwadie e bong Nkopi a neele Eweditswe sekala sa bojalwa ka sekoloto sa disente di le tlhano. Selo se, se tlhola kgotlhang magareng ga banna ba babedi ba ke ba kaileng fa godimo. 15.2.0.1. Mosadi wa ga Moipolai o ne a itsege tota ka go apaya bojalwa jwa Setswana. E ne e le setswerere mo tirong eo. Ke ka moo, re bonang Eweditswe a tsena ka mo lelapeng lena, a kopa Nkopi go mo neela sekoloto sa bojalwa. Nkopi o ne a dumelana le rre Eweditswe gore mantsiboa, a tle go tsaya sekale sa bojalwa bo, go itisa ka jona kwa ga gagwe. Mokwalakhutshwe a re, "Mosetsana o ne a dumela go kapodisa monnamogolo, mme 358 ene monnamogolo a kopa gore a bo mo tlhomele, a tla a re mantsiboa pele a ya gorobala a ititeye lenyora."(ts:28) Mantsiboa fa monnamogolo Eweditswe a tla go tsaya bojalwa jaaka ba dumalane le Nkopi, o ne a fitlhela rraagwe Nkopi mo gae e bong rre Moipolai. Nkopi one a itsise rraagwe gore monnamogolo Eweditswe o ne a kopa sekala sa bojalwa ka sekoloto. Moipolai o ne a gana go utlwa mafoko ao, mme a galefa e le tota. A bolelela Eweditswe tse a di jeleng ka motlha wa tlala. Mokwalakhutshwe o pikitlela seno ka go re, "· .. o ne a mmolelela masana a koko- metse, a mmolelela fa e le modidi, wa bofelo, a ka se tsoge a ntshitse disente tseo, a mo lemosa fa a fitlhela e kete disentenyana tsa gagwe di ka ba humisa." (ts:28) Moraga ga go konopa Eweditswe ka mafoko a, a gana le ka sekala sa bojalwa se se neng se ja disente di le tlhano. Eweditswe o ne a utlwile botlhoko thata. Fa a tswa kwa ga Moipolai o ne a gatela kwa godimo motho wa batho. Mafoko a a supang seno ke a a reng, "Eweditswe e rile a tswa ka lapa la ga Moipolai a bo a sa gate lefatshe ka dinao tsa gagwe tseo 359 di itseng, a swabile nko go feta molorno." (ts.28) 15.3.0.0. THATAFALO 15.3.0.1. Bosigong jo bongwe moraga ga gore Eweditswe a tingwe bojalwa, ba ga Moipolai e rile ba sa ntse ba itisitse ba utlwa motho a potologa ntlo ya bona. Fa ba ya go latlhela bofofu go bona gore ke mang yo o potologang ntlo ya bona, motho yo o neng a dira tiro eo, a tlhanola direthe. Ba sala fela ba gakgametse gore go diragalang. Selo sa mothale oo, se diragetse makgetlo a le mararo mme fela ba sa kgone go tshwara modiri wa tiro eo. Rraagwe Moipolai ka nako eo, o ne a ntse a lwala thata. Ba tsena ka fa ba tswa ka fa, ba batlana le thuso mme ga se nne le nko e e tswang lemina. Monnamogolo rraagwe Moipolai a ba a latsa tlhogo. Ba ga Moipolai ba ya gae jaaka tlwaelo go ~husa ka sele le sele. 15.4.0.0. SETLHOA 15.4.0.1. Ba ga Moipolai ba ne ba le kwa gae ka ntlha ya botlhoko jo bo ba tlhagetseng. Ka letsatsi la tebelelo ya monnamogolo e le mantsiboa ntlo ya ga Moipolai e ne ya sa. Go ne ga senyega ya nna tshwarangtshwarang, ga tlhakatlhakana mo motseng. Basadi ba isa marago kwa godimo le kwa tlase ba leka go tima molelo. Ba bangwe ba leka go tima molelo le mororo bangwe ba lela. Sebe sa phiri ke gore go ne go sa itsiwe gore molato o, o 360 tlhotsweng ke eng kana ke mang. Mokwalakhutshwe a re, "Batho ba ne ba tlhanasela jaaka dintlhwa di tswa mo monatlaneng, ba re tsokotsoko, ba ba ba sala ba gatana fa ga Moipolai. Bangwe ba ne ba goa fela ba sa dire sepe, bangwe ba lela, ba itentebanya fa fatshe, fa bangwe ba itatlhela fela ba sa ithekegele, ba bile ba ntse ba ogolwa ke ba bangwe." ( ts: 29) 15.4.0.2. Go ne ga tlhakatlhakana mme thoto ya ntlo ya ga Moipolai ya tuka lorelore. Mokwalakhutshwe o latlhela la gagwe ka go re, "Thoto ya ntlo e ne ya tuka ya ba ya rora ga laboga tafole le raka, ga tuka diaparo tse di mo mfogo- leng le tse di mo mabokising, ga ba ga phephetha mmopo o o mo sefaleng, le mabele a a mo mebetong ya dikgetse ... " (ts:29) Seno se supa gore molelo o, ne o le bogale e le tota. 0 fisa sengwe le sengwe se se mo tseleng ya ona. Bangwe ba ne ba belaela Kolomane ka ntlha ya fa Moipolai a mo kopile ka a ne a mo direla e bile a sa mo neele madi a gagwe ka ntata ya fa a ne a mo senyetsa. Fa ba bangwe ba belaela motho yo o neng a potologa ntlo le mororo ba sa itse gore ke mang. 361 Mo motseng go ne go dubakane tota, le ena Eweditswe ene a naganelwa mme fela go sa dumelesege gore motho a ka tlhola tshenyego e kanakana ka ntata ya sekala se sc jang disente di le tlhano. Bangwe bona ba ne ba re, " e rile ba le teng kwa losong, ga tla motho wa manna yo ba se ka keng ba mmolela ka leina a ntse a re, Ke mmaakantse!"(ts:29) Fela Moipolai wa batho o ne a senyegetswe e le tota e bile a tlhomola pelo gonne ka fa ntlheng e nngwe o ne a tlhokafaletswe ke motsadi e bong rraagwe. Moipolai o mo bothateng jo a sa itseng gore a direng bogolo jang ka go selwa ke ntlo. Tsheole N.M. fa a bua ka ga Setlhoa a re, "Go fitlha mo kgatong e, mogapadi- tiro o tshwaragane le bothata, o a kgaratlha, o leka go bo rarabo- lola. Ka ntata ya tlhobaelo e e ntseng e kokotlela mo go ena, mogapaditiro o tshwana fela le motho yo o mo maibing. Ditiro tse tsotlhe tsa gagwe ke tekelelo. Mme mo kgatong e o dira sengwe se se tla mo ntshang mo maibing mme dilo tsotlhe tsa siroga, a rarabologelwa." (ts:23) 15.5.0.0. THARABOLOLO 15.5.0.1. Moipolai ena, one a sa gopole ope ntle le 362 Eweditswe. 0 ne a tsamaya a bua kgang eno le mongwe le mongwe yo o mo dumedisang e bile a sa lebale go mmolelela gore o tla mmakanya motho yo o dirileng tiro eo, le fa a ne a sa tlhalose gore o tla mo dirang. Letsatsi lengwe Eweditswe a ile kwa Gauteng, ntlo ya gagwe ya jewa ke molelo. E ne e le mo gare ga bosigo. Go ne ga utlwala modumo wa basimane. Ntlo e, e bonwe ke basimane ba ba neng ba tsogetse go ya go batla dikgomo kaekae. Seno se pikitlelwa ke mafoko a a reng, "E ne ya bonwa ke basimanyana ba babedi ba phakeletse go ya go batla dikgomo tsa bolebelebe kwa bokaekae, mme ba kua, "kgomo ya ga rra wee!"(ts:30) Moraga ga tiragalo eo, bangwe ba ba ratang go tsamaya ba akga loleme bane ba lorna kgosi. Lepenole tsebe gore ntlo ya ga Eweditswe e fisitswe ke Moipolai mme fela ba ne ba se na bopaki jo bo feleletseng gonne go se ope yo o mmoneng fa a dira tiro eo. Mokwalakhutshwe a re, "Bangwe ba ne ba sebela kgosi Lepe- nole fa motshabi wa ntlo ya ga Eweditswe, e le Moipolai. Le fa go ntse jalo go ne go se ope wa bone yo o boneng Moipolai ka matlho a gagwe a mabedi, a tshaba ntlo ya ga E weditswe ka molelo, (ts:30) " 363 Mokwalakhutshwe o tswelela pele ka go re, "· .. go bile go se ope wa bone yo o ka buang phatlalatsa gore ene o kile a tewa ke Moipolai a re o tla tshaba ntlo ya ga Eweditswe." ( ts: 30) Fa kgosi e tshwaragane le bothata jo, e ntse e loga maano a go bitsa mapodisi le a go bitsa Moipolai a mmolelela ka gore bangwe ba re, ke ena yo o fisitseng ntlo ya ga Eweditswe. Mapodisi a mo tla matshidiso ka go tshwara batho ba bangwe mo motseng mabapi le go fisiwa ga ntlo ya ga Eweditswe. Fa mapodisi a goroga kwa ga Moipolai, o ne a bua phatlalatsa gore ba isa kae batho ba ba se nang molato gonne ntlo ya ga Eweditswe e fesitswe ke eng. Moipolai o ne a re, " ba isa ka e batho ba ba ba rwelerweleng ka mmaditse1a, ka motshubi wa ntlo ya ga Eweditswe e le ene, ba ·ka bo ba tlhaga fela ba mo totile, ba tlogela go nna ba golera le motse wa Mapaputle o le kana."(ts:30) Batho ba ba neng ba tshwerwe ba ne ba tlogelwa mme ga tshwarwa Moipolai a le esi. 0 ne a itsisiwe gore o tla fitlha a tlhalosetsa Komosasa gore go diragetseng. 0 ne a bua, a sa tshabe sepe gore o mo rutetse ba le bantsi gonne le ena o ne a fisitse ntlo ya gagwe. Mokwalakhutshwe a re, 364 "Kwa ga Komosasa, Moipolai o ne a supafa a tshubile ntlo ya ga Eweditswe, go mmakolola, ka le ene a mo lshubetse ntlo."(ts:30) Mokomosasa o rile go utlwa dikgang tsa ga Moipolai a mmotsa gore ke eng a ne a sa itsise kgosi ka ga tiro e, e maswe e e dirilweng ke Eweditswe gore a tle a duedisiwe gore a tle a tlogele ditiro tse di maswe tse a di dirang. Moipolai o ne a araba Mokomosasa ka go re "Ka re ke ne ke batla go ipusolo- setsa, ke tshuba ntlo ya gagwe jaaka a tshubile ya me, a swelele jaaka le nna ke sweletse."(ts:31) Moipolai o ne a lemosiwa fa molao o le kgatlhanong le se a se dirileng mme 0 ne go utlwa, ka a ne a.ikeme ka go re, "Ka re ntlo ya me e swele, ga ke na fa ke robalang teng fa ke bua le lana jaana, ga ke na se ke se aparang, ga ke na ... " ( ts: 31) a gana 0 ne a ba bolelela gore Eweditswe ga a teng mo motseng. A beditswe gore a tle a kgone go ikarabela. Ka ntlha ya gore Eweditswe o ne a se teng mo motseng, Moipolai o ne a tswalelwa go fitlhela Eweditswe a boa kwa Gauteng. E rile fa Eweditswe a sena go boa kwa a neng a ile kwa teng molato wa sekwa mme Moipolai o ne a 365 se na bopaki ba gore Eweditswe ke ena yo o fisitseng ntlo ya gagwe. Dikgang tsa sekala ga di a ka tsa tlhokomelwa. 0 ne a bolelelwa gore a latlhe mokgwa o o ffidSWe mme le ka letsatsi lengwe a se ke d o boeletsa. Moipolai o ne a ipona molato. Eweditswe o ne a lomilwe ke mongwe ka tsebe gore a kope gore kgetse e ye go sekiwa ka mokgwa wa Setswana kwa motseng. Mokomosasa o ne a dumela. 15.6.0.0. BOKHUTLO 15.6.0.1. Moipolai o ne a bonwa molato ke banna ba lekgotla mmogo le kgosi ya motse. 0 ne a duedisiwa dikgomo di le tlhano mme e le nngwe ya tsona e ne ya tlhabelwa banna ba lekgotla gore ba e j e. Mopolai o ne a ntsha dikgomo tseo jaaka a laetswe mme kgosi ya di rekisa ka diranta tse di bonalang e le tota. Kgosi Lepenole e sa le a bolelela lekgotla la banna gore o tla kopa mpherephetshane go agela Eweditse ntlo mme le gompieno e sa ntse e agiwa mme kgosi e tshwere madi a dikgomo mo go ena. Mokwadi a re, " mme ya ne e sala e nna jaaka Lepenole a re o tla re a sena go itaya a re phempheretlhe, a agele Eweditswe ntlo e e tshubilweng, mme le motshegare wa kajeno o sa ntse a e aga."(ts:31) 15.7.0.0. KONOTELO 366 15.7.0.1. Kgotlhang e teng fela ga e a loa. Ga go mabaka a a dirang gore Moipolai a dumele gore ntlo ya gagwe e fisitswe ke Eweditswe. Ntlheng a sa tota Eweditswe fa ntlo ya gagwe e sena yo fisiwa. Ntlheng a mmaya molatsa. Tota kgogakgogana ga e bonale sentle. Kana kgotlhang e tshwanetse go tlhagelela sentle. Re bona kgogakgogano magareng ga baanelwa. BoEdgar mo go An Introduction to Reading and Writing ba re, " this struggle is directed against another character, an antagonist or group of antago- nists." Edgar, Roberts & Jacobs, H.E (1987:64) Jaanong mo kgankhutshweng eno, kgotlhang e e leng teng ga e bontshe go ngonyega ga kgang. Mokwadi o ba tima maatla a go ngangisana. Kgotlhang e tshwanetse e bonale ntle le bothata. Mo go Longman Dictionary of the English Language ba tlhagisa kgotlhang jaaka, "a sharp disagreement or clash (eg between divergent ideas, interests, or people."(ts:306) 15.7.0.2. Mokwalakhutshwe ga a tshwanela go fitlha kgotlhang e tshwanetse go nna mo mpaananeng e bile e utlwale sentle, gonne kgotlhang e dira gore batho ba akanye. Maitshethego a mokwalakhutshwe a re aletseng ona e bong a nako e tlhabologo e tsenang ka yona mo 367 metseng ya Setswana a nyalelana le maitsholo a baanelwa. Moipolai ke Motswana tota. Ga a itse molao. 0 fisitse ntlo ya ga Eweditswe ka a ne a akantse gore ke ena yo o neng a fisitse ntlo ya gagwe. Se ena a se batlang ke gore ba tshwane e bile a tle a mmakanyetse ba le bantsi gore a se tlhole a dira jalo. Mokomosasa ga a mo felele pelo o a mo rata e bile o mo direla setshwantso ka gore a motho fa a ka bolaya ngwana wa gagwe lo ena o tla bolaya ngwana wa motho yoo. Komosasa o a mo rata kana o ba bontsha tlhabologo, ga go makatse ka e le Batswana ba maloba. Moraga ga go tsena sekolo sa ga Komosasa, re bona a fetoga e bile a dumela gore o dirile molato ka go se ise dikgang tsa gagwe kwa Kgosing le go dira se ena a se akanyang. Molato o islwa kwa kgotleng tota le kwa teng o sa ntse a bonwa molato gonne a se na tetla ya go fisa ntlo ya o mongwe. 0 ne a tshwanetse go itsise kgosi mme kgang eno ya nnelwa ke botlhogoputswa ba motse go e rarabolola. E nne bona ba ba e khutlisang. 15.7.0.3. Kwa bokhutlong kgosi ga e supa fa e le rraagwe bathe kana morafe. Maitsholo a gagwe ga a itumedise. E tlisa pelaelo gonne e jele kgomo ya ga Moipolai le banna ba lekgotla. Moraga o rekisa dikgomo tse nne mme o tshwara madi a tsona mo go ena ntswa go sa swa ntlo ya gagwe. 0 tshepisa Eweditswe gore o tla romela motho go mo agela ntlo mme ga a tshegetse tsholofetso ya gagwe. Le gompieno wa gompieno ntlo eo, ga e ise e agiwe. Mokwadi o re bontsha fa kgosi e le 368 kgosi ka morafe, ka jalo e tshwanetse go tlhokomela bathe ba yona botlhe ntle le kgethololo. Tharabololo ke yona e e tlisang bokhutlo. jwa kgotlhang kana jwa kgankhutshwe gonne rna tharabololong ke teng fa go rarabololwang marara a a raraneng mme re kgone go ya kwa bokhutlong ntle le kgato e, go bothata gore re ka khutlisa kgankhutshwe ya rona kana kgotlhang. BoEdgar ba re, "The resolution or denouement (untying) is the set of actions bringing the story to its conclusion." Edgar, Roberts & Jacobs, (1987:90) 16.0.0.0. TSHEKATSHEKO MO GO:KE A GO BOLELELA: MAGOLENG.B.D. 16.0.0.1. KGANKHUTSHWE GA LE A KA LA TSWA 16.1.0.0. KGOTLHANG 16.1.0.1. E mo magareng ga Kesentseng le Gaolekwe. E tlholwa ke Boiki ka go rekisa ntswa ya ga mogoloe ntle le tetla ya gagwe. 0 ne a e rekisetsa Gaolekwe. E rile fa Kesentseng a batla ntswa ya gagwe ga tsoga kgogakgogano magareng ga gagwe le Gaolekwe. 16.2.0.0. TSHIMOLOGO 369 16.2.0.1. Kesentseng o ne a se teng mo gae fa Boiki a rekisa ntswa ya gagwe ka ranta mo go Gaolekwe. Ntswa ya ga Kesenteng e ne e le thulamotho. Kesentseng o ne a e rata e le tota. 0 e filwe ke malomaagwe ntle le tuelo. E kile ya pholosa Boiki a tlhasetswe ke noga e kgolo a na le ditsala tsa gagwe. Mokwalakhutshwe a re, "Ya re fa ba lebile fa terateng, ba mo gata, ba ba ba mo tlola setoto. Ya bo e fitlhile tlhogo e emetse godimo, loleme lo tlola ditlhase. Ya e tsetsepela mogatla, Thulamotho. Dirite tsa kumoga. Noga ya imena segole, ya betsa dikgopo tsa ntswa ka fa le ka fa."(ts:5) Mokwalakhutshwe o tswelela pele ka go re, "Ya re Boiki a tswa ka terata, a pitikologa jaaka ngata ya dikgong tsa tlhogo e wele mo mmotokareng o ntse o siana." (ts:5) Kesentseng o ne a makaditswe ke fa Boiki a rekisitse ntswa e e pholositseng botshelo jwa gagwe. Boiki le ena o e rekisitse ka ntlha ya gore go ne go se na sepe sa go ka ya maleng le madi a go reka boupi a se yo le ona. Mokwalakhutshwe a re, "Tlala le yona e bontsha batho dilo. 370 Go ne go se sejonyana mo ntlong. Go se madi a go reka boupi."(ts:6) 0 tswelela ka go re, "Batsadi ba godile. Monna o kga- otswe mo opogafeng. Madi a phensene, le fa go ntse jalo, ga ba ise baa amogele."(ts:6) Boiki o ne a bona go le botoka go rekisa ntswa ya ga Kesentseng ka ranta e le nngwe gore ba kgone go reka boupi gonne le ena Kesentseng o tla kgona go bona tsa go ya maleng. Boiki o ne a rekisetsa Gaolekwe ntswa eno. Ka a ne a gopotse gore Kesentseng o tla tlhaloganya fa a tlhalosetswa ntekwane o iteile sefololetse. Kesentseng o ne a sa batle go utlwa sepe mme a ntsha ranta, a e neela Boiki go ya go tsaya ntswa ya gagwe. Boiki o rile ka re, ke a tlhalosa mme Kesentseng a re, "Nna ke feditse, monna. ye go tsaya ntswa eo. Ka re o Ga se ya ga Gaolekwe, fa o sa itse - ya re nna wee!"(ts:6) E rile go utlwa mafoko a ga mogoloe, a mmolelela gore o tla ya kwa go Gaolekwe le fa a itse sentle gore ga a na nnete mme o ne a dumela gore ga a kitla a kopana le mathata bogolo jang ka a ya go mo neela ranta ya gagwe. 371 16.3.0.0. THATAFALO 16.3.0.1. Ditiragalo di a thatafala, ka letsatsi le le 1atelang ka maphakela Boiki a tsoga a ya kwa go Gaolekwe. Pele a ka tswa ka kgoro ya lelapa a bona matlho a ga mogoloe a geletse dlkeledi a batla a wela fa fatshe ka ntlha ya lebo e a ncny a mo leblle ka yona. A utlwa a re, "Ke go raya ke re ntswa eo ke ya me. 0 itlhaganele monna!"(ts:6) Gone go se kgakala thata le kwa gaabo Boiki. 0 fitlhetse mmoeka e le gona a tsogang. Ntlha eno e gatelelwa ke mokwalakhutshwe fa a re, "Go a bonala gore erile ka nako ya go tsogwa ga se nne ope wa ditsala tsa ga Gaolekwe yo o mo ntshang seopatlhogo sa mmanjakane wa ga Mmapoto. Matlho a ntse a aperwe ke boroko. Rrago fa a edimola, a atlhama a ba a nna a ntsha lolengwana."(ts:S-6) 16.3.0.2. Boiki o fitlhile a gasa Gaolekwe ka mafoko. Gaolekwe o ne a le kgatlhanong le go busetsa ntswa kwa go Kesentseng le fa ba mo nnela ranta ya gagwe, e a rekileng ka yona. Are, "Boiki, Wena o ka nna wa inanatha, fa o kgatlhwa ke go inanatha, se se teng, nna ke itse fa ke feditse le wena."(ts:7) 372 Boiki le ena o ne a latlhela la gagwe ka go re, "Mme ke jaaka o nkutlwa, rra. Mong wa ntswa ke yona o tsileng, jaanong ... "(ts:7) Gaolekwe o ne a botsa Boiki gore a direng fa mong wa ntswa e le gena a tlang. 0 ne a mmotsa gore fa, ba ne ba mo rekisetsa yona ba ne ba reny. 0 ne a koba Boiki fa pele ga gagwe. 0 ne a tenegile mo go maswe. 0 ne a re, "Manna, bona tloga fa pele ga me, o ise o nteofise! A digela puo ya gagwe, melomo e roroma mo e bileng e ela ditete."(ts:7) 0 ne a tsaya ranta mo go.Boiki a sa batle go utlwa sepe. Boiki le ena ga a ka a senya nako, o ne a itlhaganela go tsamaya a boela kwa gagaabo. Thulamotse e ne ya mo sala moraga ntle le go senya sebaka e kete e ne e utlwa gore go ne go buiwa ka ga yona. Fa Boiki a goroga Kesentseng o ne a itumela mo go maswe mme le dikeledi di ne tsa kgala. Ka ntlha ya fa a bone selo se a neng a se batla ka pelo yotlhe ya gagwe. Boiki o ne a akanya gore dikgang di fedile gonne Gaolekwe o amogetse ranta ya gagwe le Kesentseng le ena o bone ntswa ya gagwe. Ka jalo ga go molato ntekwane o ijesa dijo tsa ditoro. 373 Fa letsatsi le sena go tlhaba, Mmapoto yo e neng e le setswerere mo go apeeng bojalwa a bo a bo gatile. Gaolekwe a kopano le Kesentseng kwa teng. Gaolekwe o ne a itlhopile a ntse a le nosi kwa tlhoko. Kesentseng ka a bo rata nae, a tlhaga a rwele kane ya gagwe e kgolo. Gao1ekwe o ganne go mmona a ba a setse a mmi1etsa kwa thoko. a mo neela ranta ya gagwe, e e bonweng ke batho ba ba neng ba sa kgotsofale1e go biletsana ga bona kwa thoko. Dikgang di ya kwa setlhoeng. Kesentseng ga a ka a tsaya madi ao, ka pe1e o ne a 1eka go t1ha1osetsa rre Gao1ekwe gore ntswa ya gagwe e rekisitswe ena mong wa yona a se teng. Rre Gao1ekwe o ne a re, "Ka re tsaya maswe a gago ke a!"(ts:8) Kesentseng o ne a tsaya ranta ka maswabi a mago1o e 1e tota. Mokwalakhutshwe a re Gao1ekwe o ne a re, "Le ka se go t1habele! Ke a go bole1ela. Ba go lemi1e, ke a bona!"(ts:8) Batho ba ne ba ut1wa, ba tlhakanya ditsebe tsa bona. 16.4.0.0. SETLHOA 16.4.0.1. Letsatsi le ne 1e ela go dike1a fa go t1a lerunyana le le nyatsegang. La ntshofa1a, 1a 374 tlisa diphefo tsa motlakadibe. E rile ka nako ya go itisa ga senyega, motsetse a ja ka seatla. Batho ba tshabela kwa magaeng a bona, go iphitlha mo dikobong. Legodimo la phatsima, ga tlhagelela melelo e tlhatlhagane e le mentsi. Batho ba ne ba tshoga mo e leng gore mongwe le mongwe o ne a akanya fa le beditse mo godimo ga ntlo ya gagwe. Kesentseng fa a goroga kwa gae, o ne a tsosa batsadi ba gagwe mme a ba bolelela gore rre Golekwe o rileng mo go ena. Rraagwe kesentseng o ne a r e, "Kesentseng, a ke go utlwa sentle? A o raya gore o totile a rialo?" ( ts: 8) Kesentseng o ne a ba itsise gore batho ba le bantsi ba ne ba le teng fa a bua mafoko a, e bile ba mo utlwile sentl~ e le tota. 0 ne a ba itsise gore Tshwaalefe o ne a palelwa ke go itshwara mme o ne a batla a bolawa ke motho ka diatla. kesentseng a re, "Ke dule fa ga Mmapoto ke suletswe fela thata, le bojalwa jo ke neng ke bo nole, ba ba ba tlhaphoga." ( ts: 9) 16.4.0.2. Mmaagwe Kesentseng o ne a bua le mogatse mmogo le Kesentseng gore ba se ke ba isa dipelo tsa bona mafisa gonne le magadima a gaketse. Fa ba ntse ba tshwere dikgang legadima la sapa kgakala mme la bonese~sa ntlo ya bona ka lesedi. 375 Mmakesentseng o ne a tsoga mme a botsa gore a mme rre Gaolekwe a ka bo a bua nnete. Rraagwe Kesentseng o ne a kgothatsa morwae ka go re, "Wela mogopolo, ngwanaka. one a tlaela.(ts:9) Gaolekwe E rile fa a re o ya kwa kamoreng, legadima la ratha gape. Batsadi ba gagwe ba tshwarwa ke 'diorisi.' Yare fa ba sena go boela mo maemong a bona, ba utlwa mokgosi o tlhagelela kwa ntlong, ba tabogela kwa mojako ba botlhe. Mokwalakhutshwe a re, "Ba thulakana, ba pataganela mojako."(ts~9) Ba tshwara mong ba akanya fa e le molai. Monnamogolo a tlhaba mokgosi a re, "Mmaagwe, tshaba mokgwaro! Gompi- eno go na moloi ke mo tshwere! Baleseng se nnele selelo. Thusa mmaago, lo senke mokgwaro! Kese- ntseng o kae a thuse. Moloi o a tshwamola!(ts:9) Moloi o ne a rapame mo lefifing a ragaraga a ise a ye ga maotwana hunyela. Monnamogolo a, "mo tsetsepela ka dinala mo kgo- kgotshong Mme o a utlwa heel 376 Ke ne ke tala ke batla jalo! Lo ka utlwa jaaka a phoka lo- fulo, le dinao a di aga mokoro." ( ts: 9) 16.5.0.0. BOKHUTLO 16.5.0.1. Fa mosadimogolo a sena go tshuba lebone ba fitlhela Kesentseng a rapame fa fatshe a ragile thokolo. A bolailwe ke monnamogolo a ithaya a re o bolaile molal. Mmaagwe Kesentseng le Baleseng ba tlhoka go ka di thibela, tsa tshologa di sa lalediwa ke ope. Batsadi ba gagwe ba itlhoboga. Ka letsatsi le le latelang a bolokwa. Tladi e ne e rethile lebota le lebati la kwa teng ga ntlo. Gatwe le ka kwa ntlheng ya matlotla e ne, "Ya feta ya dira metlholo. Teng ga twe ya tsena mo ntlong ya mongwe ka lefesetere la lepolanka mo phaposing. Ya putlaganya bolao ka bogare, ya bo ribegetsa, ya tswela thudi ka kwa, ya tlogela bana ba ingaangaa."(ts:10) 16.7.0.0. KONOTELO 16.7.0.1. Kgontlhang ya kgankhutshwe eno, e tlhagelela sentle gonne re kgona yo bona maphatha a mabedi a ngangisana le mororo go swa motho yo o se nang molato. Kesentseng ga a na molato, o ne a 377 ipatlela ntswa ya gagwe e bile o ntshitse ranta e go rekilweng ntswa ka gona gore e boe. Maitshetlego a nyalelana le dimelo tsa baanelwa ba kgankhutshwe ya rona. Ditiro tsa baanelwa ga di rone lefelo la ditiragalo. Baanelwa ba maitlhomo ba mokwalakhutshwe ke ba madi le nama. Tota ba dira ditiro tse di ka diriwang ke batho ba ba tshelang mo lefatsheng. Ditiro tsa bona ga di akabatse ke dilo tse di tlwaelegileng, tse re di bonang ka matlho a rona mo botshelong ba rona. Motho a tshwana le Gaolekwe re kopana nae, yo o tshwanang le Kesentseng ena re kopana nae le ba bangwe. 15.7.0.2. Bokhutlo ba kgotlhang eno ga bo kgotsofatse, rraagwe Kesentseng o ne a sa kgone go utlwa gore o tshwere ngwana wa gagwe. A Kesentseng o ne a palelwa ke go itsise raagwe gore ke ena. Ntlheng fa monnamogolo a ·ne a re Kesentseng a tle a mo thuse go tshwara molai, go ne go se ope yo o lemogang gore Kesentseng ga arabe kana ga a yo ka mo ntlong. Go tlhokofala motho yo o senang molato. E kete mokwalakhutshwe o ne a gapeletsa ka ntlha ya mafoko a, "le ka se go tlhabele."(ts:8) A Kesentseng o swela ntswa ya gagwe? Loso lwa gagwe ga le jese di welang. Mokwalakhutshwe o re tlogela ka dipotso di le mafaratlhatlha. Ntlheng 378 go ne go sa swe Boiki ka e le ena motlhodi wa kgotlhang e, a kwa lelapeng la ga. Tshwaalefe le rathilwe ke tladi ka ntlha ya fa a paletswe ke go itshokela mafoko a ga Faolekwe kana e rathilwe ke tladi ka phoso? 379 KGAOLO 7 17.0.0.0. TSHEKATSHEKO MO GO MOKARAGANA MOTLHAKE - S.F. 17.0.0.1. KGANKHUTSHWE KGATHATSO 17.1.0.0. KGOTLHANG MAGOLENG B.D. LE 17.1.0.1. Kgot1hang e tlho1wa ke mosadi yo o matlhomantsi e bong Diketso. Diketso o nyetswe ke Mokgethisi mme o ratana le Kgathatso manna wa mosadi yo mongwe e bong Kedibone. Bonyatsi ba ga Diketso 1e Kgathatso bo tlhola kgot1hang magareng ,ga Mokgethisi 1e Kgathatso. 17.2.0.0. TSHIMOLOGO 17.2.0.1. Mokgethisi one a bona tiro kwa meepong ya Bleskop. Ka e le kgakala le legae 1a gagwe, o ne a sa kgone go robala mo gae tsatsi lengwe le lengwe. Seno se ne se dira gore a t1e gae mafelong a beke fela. Ntlha e e ne ya dira gore Kgathatso a bone lesoba la go nna kwa ga Mokgethisi. 0 ne anna kwa teng ka ane a itse 380 sentle gore o dira kwa kgakala a ka se tle mo gae mo gare ga beke. Ka ntlheny e nngwe Kedibone o ne a ngongorega ka a ne a sa tlhole a bona manna wa gagwe mo gae. Kgathatso o ne a sa nne kwa ga gagwe. 0 ne a tla kwa lelapeng la gagwe go tla go apola diaparo tse di maswe mme a apara tse di phepa. Mosadi wa gagwe Kedibone o rile ke bua nae mme ga tshwana le gore ga a bue sepe, ka a ne a tswelela pele ka go nna kwa lelapeng la manna yo mongwe. 17.3.0.0. THATAFALO 17.3.0.1. Ditiragalo di ne di thatafalela kwa pele gonne Kgathatso o ne a sa boele kwa moraga. Kedibone o ne a bona go le botoka go bua 1e Kgathatso ba lebane mo matlhong. 0 ne a re, "Ka re o nna kae fa o lala o tla mo gae masigo jaana? A o setse o simolotse go tsamaya ditsela na tsa gago?" (ts:46) 381 E rile Kgathatso a lemoga gore o mo mathateng, a loga maano ka bonako fela a re, "O a mmakatsa kajeno, Kedibone, fa o mpotsa dipotso tsa mohutu o. Ga ke gakgamale thata fa ke akanya mohuta wa ditsala tsa gaga!" (ts:46) Kedibone o ne a bolelela mogatse gore fa a bua, o a bo a utlwile ka batho ba bangwe. A o raya gore ga ka tshwanela go akanya? Kgathatso o ne a mo itsise gore fa a batla go aga lelapa a se ke a tsaya dikgang mo bathong ba bangwe. Kedibone o ne a itslse manna wa gagwe gore ga go ope yo o mo lomileng tsebe fela o kgona go bona gore go na le selonyana se se diragalang. 0 ne a itsise mogatse gore letsatsi lengwe se tla tswela mo nyanyeng. 17.3.0.2. Mafoko a ga Kedibone ga aka a tshwenya Kgathatso, o ne a tswelela pele ka tiro ya gagwe e e maswe ya go latsa tlhogo ya gagwe kwa ga Mokgethisi. 0 ne a tsoga mo mesong a leba kwa ga gagwe go ya go apola diaparo tse di maswe, mme a 382 apara tse di phepa. E rile mo bekeng ya bone Kgathatso a ntse J robala kwa ga Mokgethisl, Mokgethisi a gopola mogatse, a rwalarwala dipurugwana tsa gagwe a leba kwa ga gagwe. e le Laboraro mo gare ga beke fa a ya kwa ga gagwe. E ne Mokgethisi o ne a namela setimela se se tswang kwa Tshwane mo bosigong se lebile kwa Tlhabane. 0 ne a goroga kwa Tlhabane ka 21h00 mantsiboa. Fa a goroga mo boemelatimela a tsaya sejanaga go mo isa kwa ga gagwe. E ne e le 21h45 fa a goroga kwa lelapeng la gagwe. Mokgethisi a, a utlwa lentswe la manna ka mo ntlong ya gagwe mo bosigong. 17.4.0.0. SETLHOA 17.4.0.1. E rile go lemoga se, a boela kwa moraga ntle le go dira mokgwasa. 0 ne a nagana leano. a bitsa banna mo motseng, go tla go mmontsha se a se bonang mo ntlong ya gagwe. E rile fa Mokgethisi a tsena mo ntlong, a na le banna ba bangwe ba fitlhela Kgathatso a iketlile le mosadi wa ga Mokgethisi, ka ba ne ba sa akanye gore Mukgethisi 383 a ka goroga mo gare ga beke. Mokgethisi e rile fa a sena go tsena mo ntlong ya gagwe, o ne a botsa Kgathatso gore ke mang le gore o batlang mo ntlong ya gagwe mo bosigong jo bo kana. Mokgethisi o ne a gaketse e bile, a batla go tshwara Kgathatso ka diatla. 0 ne a sa batle le go nna mo fatshe. Tota go ne go itshupa gore ntwa e ka tsoga nako nngwe le nngwe magareng ga Mokgethisi le Kgathatso. Banna ba ba neng ba biditswe ke Mokgethisi ba ne ba bua nae mme ba mo kgala gore a se ke a tsosa ntwa. 17.4.0.2. Kgathatso one a bodiwa gore o batlang mo ntlong ya ga Mokgethisi mo bosigong jo bo kana. 0 ne a tshwara fa a lesa fa tota a sa itse gore a ka reng. 0 ne a bodiwa gore mosadi wa gagwe o kae mme ga dirwa tshwetso ya gore a bidiwe. Kgathatso o ne a le mo bothateng jo bogolo fa go twe, mosadi wa gagwe a bidiwe. 0 ne a sa itse gore a direng. 0 ne a leka go bua le banna gore mosadi wa gagwe a se ke a bidiwa mme o ne a itaya sefololetse. 0 ne a re, "Ao! rre Katiba, o ka re eng go rialo! Mosadi ene o 384 tsena fa kae, ka le lefe?" ( t::;. 4 7) Kedibone mosadi wa ga Kgathatso o ne a bidiwa. E rile fa a sena go utlwa dikgang tse o ne a itsheka dikeledi ka ntlha ya kutlobotlhoko. 0 ne a sa dumele matlho a gagwe le se, a neng a se utlwa. Tota o ne a sa dumele fa Diketso a ka ratana le monna wa gagwe. Banna ba ne ba tlaletswe, ba sa itse gore ba ka dirang. Kgang e ne ya isiwa kwa le kwa. Go le thata ba sa itse gore ba e fetse ka go reng. Motsetse o ne a ja ka seatla. Monna wa lelapa a tshwerwe le mosadi wa manna yo mongwe e bile a sekisiwa fa pele.ga manna wa mosadi yo le fa pele ga mosadi wa gagwe. Fa ba ntse ba ya kwa le kwa, rre Mateu o ne a latlhela la gagwe a re, "Lelapa la manna ga se botshamekelo. ( ts: 4 7) A tswelela ka go re, A o a utlwa?" "Re tlamegile go go abela thuto 385 e kajeno. Lelapa la manna ke selo se se scsi se manna a nang nasa... Rre Kgathatso, ka segarona, mosadi nama, u a direlwa, le fa wena e kete o rata go tsena fela. Morwarre o ntshitse bogadi a le esi fa wena o tsena ka phephabeke. Ga go a lekana. 0 lebanwe ke katlholo waetsho somamarataro a diranta, kgwedi le kgwedi."(ts:48) 17.4.0.3. Kgathatso e rile go lemoga gore go thata, a ipua le mogatse. Moraga ga go ipua nae, o ne a dumela malate. 17.5.0.0. THARABOLOLO. 17.5.0.1. Malate o, o dirilweng ke Kgathatso o ne wa wetswa fa a sena go o dumela. Ba ga Gaolebane e bong ba ga Kgathatso ba ne ba neelwa dipampiri tsa go ipofa gore kgwedi le kgwedi Kgathatso o tla duela Mokgethisi diranta di le somamarataro. Tota go ne go sena se a ka se dirang, ka a ne a tshwerwe le mosadi wa manna yo mongwe. Sa gagwe 386 e ne e le go dumela molato. Manna o bolawa ke se a se jeleng. 17.6.0.0. BOKHUTLO 17.6.0.1. Diketso le Kgathatso ga ba tlogele ditiro tsa bona tse di maswe. Kgathatso o bonela Diketso tiro kwa ga Nel. Diketso o tsamaya kwa gae a sa laela manna wa gagwe Mokgethisi. Mokgethisi o nagana gore o ile kwa gae, kwa Maluti ntekwane o bone tiro, o a dira. Mokgethisi o ne a longwa ke mongwe tsebe gore Diketso ka 0 dira kwa toropong ebile o ratana le kgathatso manna yo mongwe e bong Mpheane. Kgathatso o ne a utlwela fa Mokgethisi a tla ya kwa Diketso a dirang gona. 0 ne a dira gore ena a fitlhele Mokgethisi pele kwa Diketso a dirang gona, e rile fa a fitlha kwa teng, a bona Mpheane a le mo kamoreng ya borobalo ya ga Diketso. A tsaya Diketso a tsamaya le ena gore Mpheane a tle a lwane le Mokgethisi, Diketso a se teng. Mokgethisi e rile a kokota mo kamoreng ya borobalo ya ga Diketso a bulelwa ke Mpheane. Mokgethisi o ne a botsa gore Mpheane o batlang le gore ke mang. Ntwa ya tsoga magareng 387 ga bona go fitlhela Nel a bitsa mapodisi go thusa. E rile fa Mokgethisi a sena go tlogelwa ke mapodisi, Kgathatso a itatlhela mo ntlong ya gagwe ka maikaelelo a go utlwa sentle se se diragetseng. Mokgethisi o ne a mo tshela ka mafoko. Kgathatso o ne a botsa Mokgethisi gore Mpheane ena o duediswa bokae. E rile fa a bona Mokgethisi a sa mo arabe, a mo kopa gore molato wa gagwe o fedisiwe mme Mokgethisi o ne a gana. Kedibone o ne a goroga ka mo ntlong ya ga Mokgethisi mme a bolelela Kgathatso gore ena le Kgathatso ba feditse ka tsa lorato. 16.7.0.0. KONOTELO. 17.7.0.1. Kgotlhang ya kgankhutshwe eno, e a kgodisa gonne ga go na manna yo o ka dumelang go tseelwa mosadi ke manna yo mongwe ena a ntse a lebaleba. Tota ga go nnete e e fetang e e builweng ke rre Mateu fa a re, " mosadi nama, o a direlwa, le 388 fa wena e kete o tsena ka 'phephabeke.' (ts:48) Mosadi o a direlwa, o ntshetswa bogadi ke manna fa a mo rata. Re kgona go lemoga gore phokojwe ga e ke e latlha moseselo e le wa yona. Diketso le Kgathatso le fa ba setse ba tsene mo mathateng ga ba tlogele mekgwa kana dilo tse di maswe, tse ba ntse ba di dira. Diketso o tsena mo mathateng ka ntlha ya semelo sa gagwe sa go nna matlhomantsi. 0 ratana le Kgathatso a ntse a nyetswe e bile a itse sentle gore Kgathatso ke manna wa ga Kedibone. Fa re akanya gore o bulegile tlhogo kana ba bulegile ditlhogo, re akabala fa Kgathatso a mmatlela tiro e bile ba tswelela pele ka go ratana. Fa Diketso a sena go bona tiro o ratana le manna yo mongwe gape e bong Mpheane. Seno se supa sentle gore Diketso o rata banna ga go na se se ka dirwang go re a latlhe mokgwa o, o maswe o. 17.7.0.2. Mo tharabololong Kgathatso o duedisiwa diranta 389 di le somamarataro ka kgwedi le kgwedi ka ntlha ya go ratana le mosadi wa manna yo mongwe. Le fa go le jalo ga a latlhe o tswelela pele ka go ratana le Diketso kwa sephiring e bile o kgonne le go mmonela tiro kwa ga Nel. Diketso le Kgathatso ke di ya thoteng di baplle. Bobedi ba bona ga ba na nnete ga ba rate balekane ba bona ka lerato lwa nnete. Dlketso ena o feteletse tota o matlhomantsi gonne o nyetswe ke Mokgethise, mme o ratana le Kgathatso mo sephiring, ba a tshwariwa Kgathatso o a duedisiwa. 0 santse a tswelela pele le ena. Kgathatso o mmonela tiro kwa ga Nel. 0 ratana le Mpheane. Mpheane o lwana le Mokgethisi ka lebaka la gagwe. A Mokgethisi o tla kgona go lwa le banna botlhe ba, Diketso a tla ratanang nabo. Se se raya gore Diketso ke mosadi yo o sa itseng lefoko nnyaa bogolo jang mo banneng ba a kopanang nabo. Kgotlhang e, e a dumelesega gonne ditiragalo tse di e tlholang ke dilo tse re kopanang le tsona mo botshelong, bogolo jang mo malatsing a segompieno. 390 Baanelwa ba mokwalakhutshwe ba kgona go dira ditiro e bile ba kgona le go loga maano. Fela jaaka Kgathatso a ne a dira fa mosadi a mmotsa gore o nna kwa kae? Boemong jwa go araba mosadi o ne a mmotsa gore a tlogele go utlwa dikgang mo bathong ba bangwe gonne fa a dira jalo ga a kitla a aga lelapa. 0 ne a iphitlha ka gore mosadi o a mo tlholela le gore o mo tlholela madimabe ntswa go se jalo. 18.0.0.0. TSHEKATSHEKO MO GO MOKARAGANA MAGOLENG B.D. LE MOTLHAKE S.F / 18;0.0.1. KGANKHUTSHWE KE MOSADI 18.1.0.0. KGOTLHANG 18.1.0.1. Kgotlhang e fitlhelwa mo magareng ga Moleki le mosadi wa gagwe e bong Kelebile. E tlholwa ke Seyantlo yo o neng a nyetswe ke Bakai mme motlaagana wa bona wa senyega. Fa Bakai a batla gore ba boelane, Seyantlo o kgatlhanong le seo, ka ntata ya fa a ratana le Moleki, Bakai a itsise mogatsa Moleki gore Seyantlo o ratana le manna wa 391 gagwe. Seno sa tsosa kgogakgogano magareng ga Moleki le Kelebile. 18.2.0.0. TSHIMOLOGO 18.2.0.1. Bakai o ne a nyetse Seyantlo mme ba tlhalana. Bakai o ne a bua le Seyantlo gore ba boelane. Seyantlo o ne a ganana le ntlha eo. Bakai a itsise Kelebile ka mogala gore Moleki o ratana le Seyantlo. Kelebile e rile go utlwa dikgang tse, ga a ka a senya nako, o ne a kopa Kereeditse gore a mo felegetse go ya go emela Moleki kwa a dirang teng le go mo sala moraga go bona kwa a yang teng le Seyantlo. Ba tsena mo sejanageng sa ga Moleki Kelebile a ba lebile, bona ba sa bone sepe. Ditiragalo di simolola go thatafala. 18.3.0.0. THATAFALO 18.3.0.1. Ke reeditse e rile are, o simolola sejanaga sa gagwe, sa gang go tsamaya, ke ena, sejanaga sa gagwe sa gana go duma. Moleki le Seyantlo ba bo ba tsena mo sejanageng sa ga Moleki ba ba timelela. Kereeditse o ne a lwa le sejanaga sa gagwe mme moraga se ne sa duma. E rile fa se 392 simolola go tloga, sa boMoleki ke fa se sa tlhole se bonala. Kelebile o ne a ja dipekere ka se a se boneng gonne mogatse ga a bolo go mmolelela maaka gore ba dira bosigo ntswa a bua maaka a matala. 0 ne a gopola gore ngwana wa gagwe le Moleki ba tlhoka diaparo tota le bona bupi ga bo teng. Moleki o nnetse go taboga le Seyantlo, yo a sa belong go mmolelela ka ga ena, gore ke mosadi yo o tlhokang e bile monna wa gagwe o mo tlhadile ntle le mabaka. E rile fa sejanaga sa ga Kereeditse se tsamaya, ba ba sala moraga kwa 'Sun City' gonne Bakai o ne a lomile Kelebile tsebe gore ba tla ya kwa teng. Ba fitlha kwa 'Sun City' ba ba lebelela kwa le kwa mme ba se ke ba ba bona moraga ba kopa buka e baeng ba ikwalang mo go yona, ba ba tlhoka. Ba boela kwa gae. Kelebile o ne a ya kwa ntlong ya ga Seyantlo. 0 ne a fitlhela mmaagwe mme a mo itsise fa ena e le Matlakala, yo o direlang baMoleki. A bolelela mmaagwe Seyantlo gore batsadi ba ga Moleki ba gorogile ba batla go mmona pele ba boela Tlokweng bona bosigong jo, mme ba batla go bona Moleki pele ba tsamaya. 0 ne a botsa fa mosadimogolo a sa itse kwa ba go 39 3 ileng. Mosadimogolo o ne a ba mmolelela gore ba ile Rietspruit go bona mongwe kwa teng. Kelebile o ne a kopa aterese ya kwa teng mo mosadimogolong. 0 ne a mo neela ntle le pelaelo. Kereeditse le Kelebile ga ba a ka ba senya nako. Ba ne ba leba kwa Rietspruit. Ka bomadimabe ba £itlhela borwa bo fokile. Kelebile o ne a kopa go bona Seyantlo. 0 ne a ikitsise rno go ena, gore ena ke rnang e bile a rnmolelela gore o ne a batla go rnmona. E rile fa Kelebile a sena go tswa Seyantlo a tabogela kwa mogaleng go itsise mosadimogolo gore a bolelele Moleki gore a se ke a nna, o tla tla a tlhalosa moraga. Moleki e rile fa a sena go goroga kwa ga gagwe, Esther yo o neng a ba direla e bile a itse sephiri se, a loma mothaku tscbe gore mrnutla o rothile madi, mosadi wa gagwe o itse dikgang tsotlhe. 18.4.0.0. SETLHOA 18.4.0.1. Dikgang di thatafetse, Moleki ga a batla go ' utlwa sepe. Are, fa Kelebile a batla go tlhala 394 a dire jalo ena ga a na sepe nae. Go l:hata manna ga a ipone phoso ka dilo tse a di dird!l